Breaking News

Puso e kanoka molao e lebeletse ditshwanelo tsa setho

26 May 2025

Mothusa tona wa Lephata la Dikgaolo le tsa Ngwao, Rre Ignatius Moswaane, o rerisitse baagi ba Moshupa ka diphetogo tse di akanyediwang go dirwa mo molaong o o tsamaisang ditsheko mo makgotleng a Setswana.

Fa a buisanya le morafe kwa Moshupa ka Labone, Rre Moswaane o supile gore nako tse tsotlhe fa go nna le ditshekatsheko, maikaelelo e ne e le go tokafatsa ditsamaiso le go tlhomamisa gore melawana e, e thusa batsamaisi ba ditsheko, e leng dikgosi le basekisi gore ba diragatse tshiamiso ka tsela e e sa gobeleleng. A re puso e tsweletse ka go lemoga fa molao o o tshwanetse wa lebalejwa mo go faphegileng go lebeletswe ditshwanelo tsa setho.

Rre Moswaane a re go lebeletswe thata gore puso e ikaegile mo ditshwanelong tsa setho, a tlhalosa gore tshireletso ya ditshwanelo tsa setho e tshwanetse ya nonofa mo go sa belaetseng kwa makgotleng a ditsheko. A re se, se raya gore fa go kanokwa molao o, go tshwanetse ga elwa tlhoko melawana kana ditsamaiso tse di rontshang batho ditshwanelo, tsa fetolwa, kana tsa ntshiwa gotlhelele. Rre Moswaane o tlhaloseditse morafe fa dingwe tsa dikgang tse di amanang le tshekatsheko ya molao ke tse di akaretsang go sekisa dikgang tsa borukutlhi le tsa dikgotlhang. O ne a botsa morafe gore mo melawaneng ya tsamaiso ditsheko mo makgotleng a Setswana, ke eng se ba eletsang se ka tokafadiwa go nonotsha tsamaiso ya ditsheko e e diragadiwang.

Rre Moswaane a re keletso ke gore morafe o ba gakolole gore a makgotla a Setswana a tswelele a sekisa dikgang tsa borukutlhi go lebeletswe bokgoni jwa bosekisi, go tlhoka go emelwa ke mmueledi mo lekgotleng la Setswana le tshireletsego ya ditshwanelo tsa basekisiwa mo tsamaisong ya ditsheko. Mo ditshekong tsa dikgotlhang, go na le gore modiri yo o bidiwang Court Bailiff kana mothusi wa gagwe, a nne le seabe sa go wetsa tshwetso ya lekgotla ka go gapa dithoto tsa moiphemedi yo o reteletsweng ke go diragatsa tshwetso ya lekgotla. O bile a kopa morafe go gakolola gore lekgotla la boikuelo la makgotla a Setswana le ka tofadiwa jang go le kgontsha go dira tiro ya lone ka bonokopila. 

Rre Moswaane a re dingwe tsa dikgang tse di amanang le tshekatsheko ya molao di akaretsa thulaganyo ya tlhomagano ya maemo a bogosi e e akaretsang kgosi, mothusa kgosi, moemela kgosi yo mogolwane, moemela kgosi le kgosana. Go ya ka thulaganyo e, Rre Moswaane o tlholositse fa kakanyo e le gore go nne le maemo a bitswang Kgosikgolo e le maemo a Kgosi yo o kwa godimo ga dikgosi tsotlhe tsa kgaolo.

O tsweletse ka go supa fa go tlhomagana ga maemo a dikgosi go tlaa nna le mothusa kgosikgolo, kgosi, moemela kgosi I, moemela kgosi II gammogo le kgosi ya tetlanyo. A re kgosi ke yo gompieno a itsegeng ka maemo a moemela kgosi yo mogolwane, mme kwa dikgaolong dingwe jaaka North East, Kgalagadi le Chobe a itsege ka leina kgosi  ntswa ba le mo seelong sa dituelo se se lekanang sa D2. O ne a tlhalosa gore moemela kgosi I ke yo gompieno a itsegeng ka moemela kgosi, fa moemela kgosi II e le yo gompieno a itsegeng ka kgosana. A re kgosi ya tetlanyo ke yo gompieno a itsegeng ka kgosana ya tetlanyo. Rre Moswaane a re keletso ke gore molao kakanyetso o akaretse dikgosi tsa tetlanyo, o bo o supe le gore ba ya go bereka jang.

O tlaleleditse ka gore ntswa ba Ntlo ya Dikgosi ba na le seabe se se tona mo bogosing, molao wa Botswana o ntse o sa bue sepe ka bone, ka jalo ba solofetse go le gontsi go tswa mo morafeng gore fa molao o ne o ka ba lemoga, seabe sa bone e ka nna eng mo morerong wa bogosi. Rre Moswaane o tlholositse gore mo molaong wa bogosi, morafe ope o o fitlhelwang mo gare ga kgaolo ya morafe mongwe, o ka ikopela go lemogiwa fela fa morafe o na le thulaganyo ya gore kgosi ya bone ke mang. Banni ba motse bane ba atla mofoko a ga mothusa tona, ba tlhalosa fa go baakanya molao wa bogosi e le go baakanya Setswana. Ka jalo, ba supile botlhokwa ja go rutuntsha marara ka go atlhola le go letlanya morafe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Marvin Motlhabane

Location : Moshupa

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 May 2025