Breaking News

Banni ba inaakanya le Segotja Molelo

26 May 2025

Modulasetilo wa mokgatlho wa diphitlho wa Segotja Molelo kwa Digawana, Mme Margaret Nkgelepang o phophothile banni ba motse oo legetla go bo ba bone go le botlhokwa gore ba inaakanye le mokgatlho.

A re seo ke kgato e ntle ka jaana bontsi jwa maloko a bone e le bagodi le ba ba bonang dithuso tsa go itshetsa mo pusong ka ba tlhokile lesego mo botshelong. Mme Nkgelepang o tlhalositse fa kgato eo, e le ntle ka jaana fa e sale ba inaakanya le mokgatlho oo, ba kgona go ithekela diphutho. O buile mafoko ao kwa moletlong wa go ipelela go reka khombi e e tlaa bong e thusa maloko a Digawana le metse e e mo tikologong. Mme Nkgelepang o ne a tlhalosa gore ba ntse ba sa kgone go emana nokeng sentle fa leloko le tlhokafetse. O lebogetse mopalamente wa kgaolo, Dr Edwin Dikoloti go thusa ka go kokotleletsa khombi eo, a re ba kgonne ka go nna ba tshwara megwanto e le nngwe tsela ya go dira madi.

Fa a tswa la gagwe mo boemong jwa mopalamente, modulasetilo wa khansele, Rre Gofaone Nkwane o supile fa theko ya khombi eo e le kgatelopele e tona, segolo jang ka tiro e ne e eteletswe pele ke bomme. O ba gakolotse gore e reketswe gore e tle go dira ditiro tsa mokgatlho e seng go tla go o thuba, a kopa gore e dirisiwe ka thulaganyo. Rre Nkwane o ba kopile gape gore ba itetle go gakololana, a tlhalosa fa mokgatlho o godile mme o tlhoka go tsamaisiwa ka matsetseleko.

“Mokgatlho o godile mme o fokotsa dikgang tsa gore e re motho a tlhokafetse go bo go nna dingalo gore a fitlhiwe ka seriti.”

O gakolotse maloko ao gore ba simolole go batla setsha gore ba tle ba bone dithuso motlhofo, a tlatsa ka gore fa ba se bone, khansele e ka kopa ba lephata la ditsha gore ba ba thuse ka nako. E ne e rile go le pele, Mme Nkgelepang a tlhalosa gore go ne go se bonolo go bona dithuso ka jaana ba sena lefelo le ba direlang mo go lone.

Mookamedi wa mokgatlho oo, o o simolotseng kwa Letlhakeng, Mme Serwalo Masole, o tlhalositse fa mokgatlho oo, o tlhamilwe ka maikaelelo a go thusa mo dintshong. A re se se tsile morago ga gore ba lemoge fa masika a sokola ka tsa phitlho fa motho a tlhokafetse. Le ene o akgoletse lekalana la Digawana gore le bo le kgonne go reka sepalamo se se phuthologileng, a supa fa jaanong ba tlaa kgona go pega maloko a le mmalwa fa ba ya diphitlhong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Digawana

Event : Moletlo

Date : 26 May 2025