Breaking News

Kgosi Khama o bolotsa mophato Phatwe a rogwa

26 May 2025

Kgosi Khama IV wa Bangwato o boletse fa e tlaa re kgwedi ya Phatwe e rogwa a bolotse mophato morago ga lebaka gontse go sa diragale.

Kgosi o ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Mmashoro ka Labotlhano, a bolela fa a tlaa bolotsa mephato e le mene ka go farologana ga matsalo. A re go lebaka mephato mo Ga-Mmangwato e sa bidiwe mo go supang thata gore ngwao ya Setswana e a nyelela. A re ke nako ya gore Batswana ba lemoge botlhokwa jwa go tsosolosa mephato ya merafe ya bone. A re mephato e botlhokwa mo matshelong a Batswana ka e rotloetsa go aga setho se se eletsegang. O boletse gore gompieno lefatshe le aperwe ke kgokgontsho ya bong le botlhokatsebe ga banana. A re ka nako tsa maloba,  mephato e ne e le tsela nngwe e Batswana ba e dirisang go dira ditiro tsa ditlhabololo, ba dira ka mowa wa boithaopo. 

“E ne e kopanya merafe go nna seopo sengwe go arogana maele a ba ka a dirisang go ipetlela isago le go rutana melao e e ba tshegetsang go ba itsa go fapoga," kgosi a tlhalosa.

Moemela kgosi yo mogolwane kwa Serowe, Kgosi Rasebolai Kgamane yo o tlaa bong a tsamaisa tiro ya go tsosolosa mophato, o boletse fa ba ne ba akantse go simolola kwa Malaka, mme ba bona e kare go kgakala jaanong ba tlaa sekaseka lefelo gaufi le Serowe. O kopile batsadi go rotloetsa bana ba bone go tla mephatong gore ba ye go ithuta go le go ntsi. A re mephato eo e tlaa tlamelwa ka dijo le dipalamo,  mme go sa patelediwe ope jaaka bogologolo. O tlhalositse fa mephato ele botlhokwa thata ka gore e ka lwantsha kgokgontsho e e apereng lefatshe leno. A re maina a mephato eo a tlaa bolelwa ba le kwa bogwera.

Banni ba Mmashoro ba ne ba amogela tsosoloso eo ka megolokwane. Rre Boitshwarelo Rapula wa mophato wa Maholosa a re, e ne e le  mophato wa ga kgosi Tshekedi fa Mahetsakgang e le wa ga Kgosi Leapetswe.  A re ka nako tsa bone ba ne ba dira ditiro tse ditona ba lema masimo ba jesa setshaba.

Mo go tse dingwe, Kgosi Khama IV o boletse fa a tlhamile dikomiti di ferabobedi tse a tlaa bong a dira le tsone go tsosolosa ngwao kwa Ga-Mmangwato.  A re komiti ya ngwao le matlotlo a tlholego e tlaa kwadisa matlotlo a tlholego mo kgaolong ya legare mme ba a tlhabolole ka go dira dikaedi gore yo o batlang go ya go koo, jaaka bajanala le ba ditshekatsheko ba seka ba timela. A re go simolola kgwedi ya Phalane monongwaga, komiti e e itebagantseng le mebino ya Setswana jaaka borankana, e tlaa dira dikgaisano mo dikgaolong tse tharo tsa Serowe Bokone, Borwa le Bophirima tse go ikgapelwang madi. Setlhopha se se gaisitseng se tlaa atswiwa ka P30 000, sa bobedi P20 000 fa sa boraro P10 000. A re go tlaa nna le dikgaisano tsa ditlhopha tsa kgwele ya dinao tse le tsone di tlaa ikgapelang madi a a ntseng jalo le paka le kgwele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Mmashoro

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 May 2025