Botsogo le boitekanelo di ya thoteng
25 May 2025
Motshwarelela kgosi kwa Peleng mo Lobatse, Kgosi Motlhagodi Thipe a re botsogo le boitekanelo ke di ya thoteng mo botshelong jwa motho.
Kgosi Thipe o buile mafoko ao kwa Lobatse ka Labotlhano, jaaka maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse ya kgaolwana ya Kgaboesele a ne a tshwere letsatsi la boitekanelo.
O boletse fa go le botlhokwa gore motho a bo a itekanetse mo mmeleng le mo tlhaloganyong.
Mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Peleng Bophirima, Mme Dorcus Sephetsolo, o ne a rotloetsa banni go dira ditiro tsa kwa lwapeng go ka sidila mmele go ema kgatlhanong le malwetsi a a sa tshelanweng, go akanya mo go feteletseng.
Mookamedi wa kokelwana ya Peleng Central Clinic, Rre Fanuel Ngwenya a itebagantse le botsogo jwa tlhaloganyo le malwetsi a a sa tshelanweng, o boletse gore botsogo bo botlhokwa, ka jalo a kopa komiti e e rulagantseng go kopana le tse dingwe mo Peleng go leka go tokafatsa botsogo.
Rre Ngwenya o boletse gore e le ba botsogo, ba ikaelela go fa setshaba ditirelo tsa botsogo tsa maemo a ntlha, a tlatsa ka gore molwetse o tshwanetse go itse gore o thusiwa ke mang, e bile fa a sa kgotsofalela thuso eo, o ka ikopanya le bagolwane a ikuela gone mo kokelwaneng eo.
O tsweletse a bolela gore baoki tshwanelo ya bone ke go fa setshaba ditlamelo.
A re letsatsi la Laboraro mongwe le mongwe mo bekeng go bonwa ba malwetse a a sa tshelanweng kwa Peleng Central Clinic, fa ngaka ene a bonwa ka Labobedi le Labone go itsa balwetse go nna nako e telele ba sa thusiwe.
Mooki wa botsogo jwa tlhaloganyo kwa kokelong ya Athlone mo Lobatse, Mme Bontle Sepora, o boletse fa bolwetse jwa tlhaloganyo bo sa tlhaole, mme bo ama mongwe le mongwe, ngwana kana mogolo.
Mme Sepora a re motho o ka lwala bolwetse jwa tlhaloganyo mme a sa supe dikai dipe fela mme se, se rurifadiwe ka go dira ditlhatlhobo tse di tseneletseng, gore molwetsi a fiwe dithuso tse di maleba.
O tsweletse a bolela gore bolwetse jo, bo tshelanwa ka losika, kgotsa segotso, a bolela gore go tlhakatlhakana ga maikutlo, kwelo tlase ya maikutlo le tsone di ka baka bolwetse jwa tlhaloganyo.
O boletse gore go na le dithuso tse di fiwang batho go ya ka se ba tsileng go itekodisa ka sone, a a fa sekai gore bomme ke bone ba gatelelwang ke kwelo tlase ya maikutlo.
Mme Sepora a re go botlhokwa go bolelela baoki se o tsileng ka sone a tlatsa ka gore borre ga ba itekodise.
Mme Sepora a re go na le dikgang tsa kwa malwapeng, tsa marato, ditlhalano, dikgang tsa kgokgontsho tse a reng dikotlometsa maikutlo, a re gape ba ele tlhoko tlhogo e e opetseng ruri, melala e e botlhoko le ditlhabi fa gare ga magetla a re tseo ke dikai tsa tlhakatlhakano ya maikutlo.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Peleng Legare, Rre Stephen Mpofu o boletse gore botsogo le tumelo di tsamaya mmogo, ka jalo a rotloetsa setshaba se se neng se tseneletse letsatsi la boitekanelo go fetisetsa molaetsa kwa go ba bangwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : phuthego ya kgotla
Date : 25 May 2025







