Makhanselara a Palapye ba leboga BITC
25 May 2025
Makhanselara a kgaolo ya Palapye ba lebogile ba Botswana Investment and Trade Centre (BITC) go thusa bagwebi ba ba rekisang dijo tsa Setswana fa Makoro Veterinary Gate ka go ba direla lefelo le ba tlaa rekisetsang mo go lone.
Makhanselara ba ne ba leboga ba BITC ka Labone jaaka fa ba ne ba ba lekodisa ka tse ba di dirang mo nakong eno, le go neela bagwebi bao lefelo leo semmuso.
Bagwebi ba ba direlang fa thoko ga tsela kwa lefelong leo, e bile bontsi jwa bone e le bomme, ba rekisa dijo tsa Setswana bogolo jang tsa thobo di tshwana le mmidi, dinawa, magapu, ditloo, manoko le tse dingwe.
Ka jalo, makhanselara ba ne ba supa fa ba BITC ba thusitse fela thata ka barekisi bao ba tlaa nna le fa ba itiketsang teng bogolo jang ka dinako tsa pula, diphefo le diemo tse dingwe tse di tlhokang gore ba nne fa go tswalegileng.
Ba ne ba akgola BITC go tswa ka mogopolo wa go direla bagwebi bao, mme ba ba kopa go tswelela ba thusa ba bangwe ba ba tlhokang dithuso tse di tshwanang le tseo.
E ne e rile go le pele fa a neela bokopano jwa khansele pego ka lefelo leo, la marekisetso, mogolwane go tswa kwa BITC Mme Kutlo Moagi a supa fa mogopolo o rotloetswa ke lenaneo le ba nang le lone la go direla setshaba.
A re ba ne ba tla go kopana le bomme ba ba rekisetsang koo, ya re ba tsena teng ba gwetlhega ka ba ne ba lemoga gore ba direla fa go sa faphegang sentle.
A re bomme bao, ba rekisetsa fa thoko ga tsela, mme ba dira jalo ba le mo letsatsing e bile mo malatsing a mangwe go le mogote thata, mme mo dinakong tse dingwe bangwe ba tla ba tshotse bana.
Mme Moagi a re ba ne ba tsaya tshwetso ya gore ba ba thuse ka lefelo le ba tlaa rekisetsang mo go lone, e le la sennelaruri ka le tlaa dira gore fa ba rekisetsang teng go tlhabologe e bile go lebege botoka thata le batho ba ba fetang foo ba kgone go ema ba bo ba kgatlhega ba itapolosa.
Lenaneo le ba le tshwaraganetse le ba Debswana, Morupule Coal Mine le ba Letshego mme ba ba thusa ka dikobotlo di ferabobedi tse di ka kgonang go thusa batho ba le masome a mane le borobabobedi (48).
O ne a tswelela ka go lekodisa makhanselara fa ba ne ba nna le mathata fa ba tshwanetse go tsenya marekisetso ao, a supa fa ba ne ba solofetse go a baya fela fa bagwebi bao ba direlang teng mme molao wa ditsela wa supa fa ba ka seka ba dira jalo.
A re ba lekgotla la kabo ditsha ba ne ba felela ba ba baya ditsha tse pedi kwa ntle ga tsela mme ba khampani ya Unique Construction ba solofeditse fa ba tlaa ba thusa ka go dira tsela ya ditena e e tswang mo tseleng ya sekontiri go tsamaela fa lefelong le bomme bao ba tlaabong ba direla teng.
O ne a kopa makhanselara ba kgaolo ya Palapye go tshwaragana le bone go digela lenaneo le ka le gogile ka lebaka.
A re lenaneo le le mo kgaolong ya Palapye mme go maleba gore e nne bone ba le okamelang.
O ne a ba kopa gape gore ba dire le bone go baakanyetsa gore ba wetse ba bo ba neele bagwebi bao lefelo la bone semmuso. ENDS
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Phuthego ya khansele
Date : 25 May 2025







