Mogwebi kwa Tsabong o kgothatsa bomme
25 May 2025
Bomme ba kgothaditswe go ikemela ka dinao ka go innakanaya le dikgwebo potlana ka seo se ka thusa go tokafatsa le go tlhabolola matshelo a bone le gone go nna le seabe mo itsholelong ya lefatshe leno.
Mo puisanong le BOPA, Mme Mmoloki Motaung wa kgotla ya Bontleng kwa Tsabong ke mongwe wa bomme ba ba ikemelang ka dinao ka a itsetsepetse mo kgwebong ya gagwe fa e sale ka 2007 morago ga go kgatlhegela kgwebo le go tsaya malebela mo batsading.
Mme Motaung, yo o dingwaga di masome a mararo le bofera bobedi, o ne a tlhalosa fa morago ga go fetsa mophato wa botlhano kwa sekoleng se segolwane sa Matsha kwa Kang ka 2005, a ne tswelela mo dikoleng tsa ithutelo ditiro mme a tlogela mo tseleng ka jaana maikutlo le tlhaloganyo di ne le mo keletsong ya go simolodisa madirelo a e leng a gagwe.
O ne a tswelela ka go tlhalosa fa e rile ka 2007 a bula madirelo a General Dealer mo Tsabong mme a felela a tswetswe ka a ne a sa dire sentle le gone gore e ne e lefelo la phiriso.
A re ka 2011 o ne a simolodisa madirelo a go sega (Dress Maker) a e leng o ne a neng a mo godisa thata go fitlha mo nakong ya gompieno ka puso e reka paka ya dikole tse di potlana gammogo le setshaba ka kakaretso.
O boletse fa e ne ya re ka ngwaga wa 2012 a tsena mo nyalong ee boitshepo, mme jaanong a simolola go tswa mo tlase ga batsadi mme a ikemela gammogo le ba lelwapa la gagwe a ntse a tsweletse ka kgwebo ya go sega le go iphataphatela mo go tse dingwe. Mme Motaung o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ka 2017 a ne a simolodisa kgwebo ya semausu sa Granny Kisko mo lwapeng ee tsweletseng ka go dira dipoelo tse di botoka thata go fitlha mo nakong ya gompieno.
A re o ne a tsaya tshwetso ya go e bula mo lwapeng ka jaana a ne a patelesega go tlhokomela bana le gone go dira ditiro tsa lelwapa mme gape a tsweletse ka kgwebo.
Mme Motaung o ne a supa fa mo dikgwebong tsotlhe tse a di simolodisitseng a ne a iphataphatela fela ka a ne a seka a kopa dithuso gope tsa madi le fa e le mo pusong.
O ne a gwetlha bomme ba bangwe go ikemela ka dinao bogolo jang ba ba nyetsweng ba sa bereke, gore ba seka ba ikaega le go baya morwalo mo go borre ba bone. A re ba itirele letseno le ka lone molelo o tla seke o time ka jaana dinako e sa tlhole e le tsa maloba ka botshelo le jone bo tsweletse ka go fetoga le go tura.
Mme Motaung o ne a tswelela ka go tlhalosa fa kgwebo e tlhoka bopelotelele, lorato, go tswara bareki ka tsela ee amogelesegang le gone go nna pelotsweu mo dipoelong tse a di dirang go sa kgathelesege gore di kwa godimo kana di kwa tlase. O ne a gwetlha banana le bomme go inaakanya le dikgwebo tse di farologanyeng tsa dikeletso tsa dipelo tsa bone ka jaana puso e tshwere phage ka mangana ka ntlha ya letlhoko la ditiro.
O ne a supa fa bontsi jwa banana ba le mo mebileng ka ditlankana tsa dithutego tse di farologanyeng mme se se botlhokwa e le go iphataphatela ka go inaakanya le mananeo a puso aa leng teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 25 May 2025







