Breaking News

Kgotla e botlhokwa mo ditsong

25 May 2025

Mopalamente wa pele wa kgaolo ya Tati Bophirima, Rre Charles Tibone a re kgotla ke lefelo le le botlhokwa mo ditsong tsa lefatshe leno.

E rile a bula semmuso leobo la kgotla ya Makaleng kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, kgwedi eno e le masome a babedi le boraro, Rre Tibone a supa fa kgotla e le gone kwa go buisanngwang ka sengwe le sengwe se se amang morafe le tsamaiso ya lefatshe.

A re ditshekatsheko di supa fa Batswana e le tshaba e e sa itumelang e bile e tletse tshakgalo, ka jalo go botlhokwa gore merafe e dirise maobo a dikgotla go phuthega ba abelana megopolo ka dikgwetlho tse di ba lebaneng le ka fa di ka fedisiwang ka teng.

Rre Tibone a re mo malobeng, Batswana ba ne ba nna ka tshosologo go na le gompieno mo masuleng a a akaretsang kgokgontsho ya bong.

O kopile Batswana go dirisa dikgotla jaaka boremelelo jo ba thulanyang ditlhogo teng, ba abelana megopolo ka tse di ka thusang go tlhabolola metse ya bone.

A re fa Batswana ba ka dirisetsa maobo se se a lebanyeng, seo se ka tsosolosa serodumo sa kagiso le thokgamo tse Batswana ba neng ba itsege ka tsone mo dingwageng tsa maloba mme a akgola banni ba Makaleng go ntshafatsa leobo la bone ka le tlaa nna le seabe mo ditlhabololong tsa motse, kgaolo le lefatshe ka bophara.

Rre Tibone o gwetlhile banni go tswelela ba direla motse wa bone tse dintle le go rotloetsa bana go nna le lorato mo kgotleng ya bone ka go dira sepe fela se ba ka se kgonang e bile se tlhokega.

O supile botlhokwa jwa gore dikgotla di nne le ditsompelo le maranyane a a ka nolofatsang tiro ya dikgosi.

Leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Ndawa Nkoswane o tlhalositse fa leobo le agilwe ka P472 422.92, go dirisiwa lenaneo la Constituency Community Programme (CCP) go simolola Seetebosigo ka 2021 mme la wela ka 2022.

Rre Nkoswane a re o itumelela gore le fa go ne go le thata, banni ba Makaleng ba ne ba ema ka dinao go tlhomamisa gore ba fitlhelela toro ya bone ya go bona kago ya leobo leo e weditswe.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Makaleng, Rre Dintle Morakanyane o gwetlhile dikgosi go bua ka lentswe le le lengwe ka dikgang tse di amang bogosi le ka fa go ka dibelwang seriti sa jone ka teng, a re ba iphaphe mo sepolotiking. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Makaleng

Event : Pulo semmuso ya leobo

Date : 25 May 2025