Breaking News

Bogosi pinagare ya setshaba - tona

25 May 2025

Tona wa lephata la Dikgaolo le tsa Ngwao Rre Ketlhalefile Motshegwa o boletse fa bogosi e le pinagare ya setshaba e bile e le motheo wa lefatshe o o tshwanetseng go sirelediwa le go tlotlwa ke botlhe. 

O buile se fa a buisa phuthego kwa kgotleng ya Serowe ka Labotlhano.

Tona a re puso e mo maikaelelong a go busetsa bogosi kwa morafeng, a supa fa kakanyo ele gore puso e seka ya nna le marapo kgotsa thata ya go ka itlhophela kgosi, mme seo se dirwe ke morafe jaaka o tlaa bo o dumalane o setse morago kaedi gore go ya ka lesika go tshwanetse ga tlhomiwa mang mo setilong sa bogosi.

O ne a tshwaela fa bogosi mo nakong ya gompieno bo tsamaisiwa ke molao wa Bogosi Act, 2008 o patilwe ke Customary Act, 2013 o o fang marara a a sekisang kaedi ya go sekisa ditsheko tsa borukutlhi le tsa dikgotlhang (Criminal and Civil Cases). 

O ne a supa fa dipuisano tsa dikgotla e le thulaganyo ya morero go ka akantshanya gore molao wa Bogosi Act o ka tokafadiwa jang, le jone bogosi.

O tsweletse ka go sedimosetsa morafe fa nngwe ya dikakanyo e le go tsisa diphetogo mo tlhomaganong ya maemo a Bogosi, a kaya fa mo bo gompienong, maemo a Bogosi a ntse jaana; Kgosi, Mothusa Kgosi, Moemela Kgosi yo mogolwane, Moemela Kgosi, Kgosana. 

Mme kakanyetso e le gore maemo a latelelane jaana; Kgosikgolo, Mothusa Kgosikgolo, Kgosi, Moemela Kgosi I, Moemela Kgosi II, Kgosi ya tetlanyo.

Tona o tsweletse ka go tshwaela ka gore, e re le ntswa ba Ntlo ya Dikgosi ba na le seabe se se tona mo bogosing, molao wa lefatshe ga o supe sepe ka bone, a gwetlha morafe gore ba tlise kakanyetso ya gore fa molao o ne o ka ba lemoga, seabe sa bone e ka nna eng mo morerong wa Bogosi.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Puso wa Batlokwa, o ne a re morero ke konokono ya kagiso. 

O ne a tshwaela fa le bone e le marara ba setse ba kile ba kopana ba amogana megopolo ya gore ke go dirwe jang gore bogosi bo boele kwa serodumong sa pele.

O tlhalositse fa tiro ya kgosi e le go dibela ngwao ya morafe, go etelela pele ditlhabololo le go godisa itsholelo ya morafe. 

A tshwaela fa maikarabelo ao, a tlhoka gore go bo go na le melawana e e beilweng go ka netefatsa gore kgosi e diragatsa tiro ya yone ka bonokopila le botho jo bo eletsegang.

Kgosi Puso o ne a tshwaela fa kakanyo e le gore morafe mongwe le mongwe o nne le mekwalo e e tlhalosang gore bogosi jwa bone bo tswa kae e bile bo tlhongwa jang, go itsa dikgotlhang tsa go lwela bogosi. 

Godimo ga moo, o ne a gakolola gore bogosi bo a tsalelwa, a kgala dikgang tsa gore motho a ipelaetse bogosi ntswa bo sa mo lebagana.

O ne a re kakanyetso e nngwe ke gore go nne le khuduthamaga kgotsa lekoko le le tlhomiwang go rarabolola dikgang tsa bogosi. 

A re lekoko leo, e nne batho ba ba nang le kitso le bokgoni jwa go tlhothomisa gore bogosi bo tswa kae, le gore bogosi bo tsamaya jang go ya ka lesika. 

Kakanyetso ke gore lekoko le nne le kemedi ya ba semolao go fa kaedi le dikgakololo.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi  Khama VI wa Bangwato, o ne a lebogela ditshutiso le kamogano ya dikakanyo ka morafe le marara, a bolela fa bogosi e le boswa jo bo ka isang lefatshe kwa pele e bile bo ka busetsa boipelego le botho jo bo eletsegang mo setshabeng. 

O ne a rotloetsa magosi go tlhokomela gore ngwao ya bone ga e nyelele le go nna le neelano le merafe ya bone. ENDS

Source : BOPA

Author : Keamogetse Setilo

Location : Serowe

Event : Kgotla meeting

Date : 25 May 2025