Breaking News

Mapodise a Serowe a tshwenngwa ke dipetelelo tsa bana

22 May 2025

Mapodise a Serowe a boletse fa ba tshwenngwa  ke melato ya dipetelelo tsa bana. 

Mogolwane wa mapodise, Superintendent Poloko Oteng o tlhaloseditse BOPA fa kgaolo eo, e aperwe gape ke maleto e akaretsa dititeo le go ratana le bana ba dingwaga tse di kwa tlase. 

Se se tla morago ga gore a supe fa ba tshegeditse monna wa dingwaga tse di lesome le boferabongwe wa kgotla ya Mongele kwa Motshegaletau, kwa kgaolong ya Serowe borwa yo go belaelwang a ne a itseeela dikobo ka dikgoka mo setlogolong sa gagwe, yo dingwaga di bosupa.

Rre Oteng o boletse fa mmangwana a ne a mo tlogetse le malomaagwe fa a ya tirong.

Are mmangwana o ne a boela kwa lwapeng, mme a fitlhela ntlo e lotletswe. 

E rile go bula, ngwana a lotlegela mmaagwe ka se se diragetseng mme ga begelwa mapodise, ngwana a isiwa kwa sepatela kwa dingaka di neng tsa mo tlhatlhoba mme ga ikaya fa ngwana a dirilwe sengwe.

Rre Oteng o kaile fa ba santse ba tsweletse ka ditlhotlhomiso, mmelaelwa a tlaa itshupa kwa lekgotleng la ga mmakaseterata mo bogaufing. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Potsolotso

Date : 22 May 2025