Breaking News

Mmantswitswidi wa ngwao o robetse

22 May 2025

Rre Pulafhela Ntwaeagae, mmantswitswidi wa ngwao ya Sengwaketse le puo ya Setswana o tlaa bolokwa kwa Kanye Motsheganong a le masome mararo le bongwe. 

Rantetedi jaaka bontsi bo ne bo mo itse e ne e le mmoki wa popota wa puo ya Setswana, a apara kapari ya setso , e bile a itsege ka go reta bogosi, segolo jang Kgosi Seepapitso IV wa Bangwaketse. 

Mmueledi wa ba lelwapa e bile e le morwa wa gagwe, Rre Pelonomi Ntwaeagae a re rraagwe yo o tshotsweng ka 1930, e ne e le seatla sa ga Kgosi Seepapitso IV ebile boo mmogo, ba utlwana. 

O diretse morafe wa Bangwaketse e le kgosi kwa Gasita go tswa ka 1988 go fitlha ka 2014, Rre Ntwaeagae a tlhalosa, a bo a supa fa a ne a le setswerere mo tsamaisong ya ditiro tsa setso.

A re gape o ne a na le seaba mo moletlong wa Mmakgodumo Cultural Festival, e le go lemoga le go tlotla kemonokeng ya gagwe le go tshegetsa ngwao ya Sengwaketse. Mothusa Kgosikgolo wa GaNgwakestse, Kgosi Kebapetse Telekelo, o tlhalosiste fa Rre Ntwaeagae a ne a kgona go phutha morafe wa Gasita a o dira seoposengwe a ba a o tlogela o godile mme morago a ikopela go ikhutsa ka ntlha ya bogodi.

A re o tlaa mo gopola ka mowa wa gagwe o montle wa go  tlogelela ba Gasita bogosi a sa boikgagapelela. 

O mo kaile gape ka botlhaga le bopelontle mme se a se supile ka go lomagana le ba mokgatho wa Habitat For Humanity, o o sa direng dipoelo, o itebagantse le go thusa malwapa go nna le bonno. 

Kgosi Telekelo o mo kaile ka botlhaga le dinyao segolo jang mo pokong ya gagwe e mo go yone a neng a supa le kitso ya go letsa mogolokwane.

Rre Ntwaegae o tlhokafetse Motsheganong a tlhola lesome le borataro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 22 May 2025