Tsela ya Mohembo-Gudigwa ga e jese diwelang
22 May 2025
Makhanselara ba kgaolo ya Okavango ba ngongoregela seemo sa tsela ya go tswa Mohembo go ya Gudigwa.
Makhanselara ba buile jalo fa ba akgela mo dintlheng tsa mafoko tse ba di beilweng pele ke modulasetilo wa khansele, Rre Gaopalelwe Ronald fa a bula bokopano jwa Khansele mo bekeng eno.
E rile a tswa la gagwe, mokhanselara wa kgaolo ya Ngarange-Mogotho Rre Mbathera Ngundura o tlhalositse fa tsela eo, e e senang sekontere e sa siamela dikoloi le botsogo jwa batho, ebile a re go tsaya lebaka le leele lekgarapana la tsela eo le sa baakanngwe. Mokhanselara o itlhophetsweng, Rre Palo Moriri ene o supile fa go le lebaka ba solofeditswe gore tsela eo e tlaa tsenngwa sekontere, ka jalo a kopa khansele go tlhalosa gore seo, se ka tswa se diilwe ke eng.
Mokhanselara wa Beetsha-Gudigwa Rre Molathegi Moyeyi a re lephata la Dipalamo le Ipabalelo tseleng le tshwanetse go tsibogela seemo.
Mokhanselara wa Gumare Borwa Rre Keobinetse Matenanga a re tsela ya Nokaneng-Gumare se a tshwenya ka e senyegile thata, a tlatsa ka gore go na le tiego mo go dirweng ga tsela ya Gumare-Mohembo, a re seemo se se baya matshelo a batho mo diphatseng.
Rre Matenanga o ile a lebogela madi a a ntshitsweng a lephata la khansele la ditsela ka a re motse wa Gumare o tlhoka ditsela tsa mo motseng. Fa a buisa khansele, modulasetilo Ronald o kaile fa go na le tswelelopele mo ditseleng tsa makgarapana sekgele sa masome a matlhano a dikilomethara kwa Qangwa le Xaixai le go dirwa ga ditsela kwa Gumare, Shakawe le Seronga ka ditena , a re ditsela tseo di tlaa tlhabolola metse eo le go tokafatsa mesepele.
Rre Ronald o tlhalositse fa lephata la khansele la ditsela le filwe P10 million go dirisiwa go tokafatsa ditsela mo Gumare mo ngwageng ono wa madi wa 2025/26. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Gumare
Event : Phuthego ya khansele
Date : 22 May 2025







