Ga ba itumelele tiego ya dituelo
21 May 2025
Banni ba kgaolo ya Botshabelo kwa Selebi Phikwe ba ngongorega ka go tla thari ga dituelo tsa babereki ba lenaneo la Ipelegeng.
Banni ba ntshitse matshwenyego mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Selebi Phikwe Botlhaba Rre Kgoberego Nkawana ka Mosopulogo.
Ba tlhalositse fa go tla thari ga dituelo tsa Ipelegeng go ba okeletsa lehuma, ba supa fa ba bona madi morago ga beke tse pedi mo go ba tlamang gore ba adime gore ba kgone go itshetsa.
Mongwe wa banni ba Botshabelo, Mme Gloria Senyana o tlhalositse fa ba itshetsa ka go bereka Ipelegeng ka e le yone e ba duelelang boroko le go tsenya bana dikole mme go diega ga dituelo go felela go ba lotlhanya le beng ba matlo a ba kopileng boroko mo go one.
Mo go tse dingwe, Mme Senyana o tlhalositse fa toropo ya Selebi Phikwe e setse e godile ka jalo go tlhoka gore go nne le sekole se sengwe se segolwane se se ka fokoletsang bana ba Phase 4 le Botshabelo mosepele o moleele.
Le fa go ntse jalo, o kopile mopalamente go kopana le ba ba maleba go seka seka gore sekolo sa Mojamorago se tlhatlosiwe maemo go nna se segolwane go bo go agiwa matlo a boroko a bana ba sekolo gore se kgone go amogela bana ba ba tswang kwa ntle ga toropo ya Selebi Phikwe.
E rile a ba kgwa dikgaba, mogokaganyi wa lenaneo la Ipelegeng go tswa kwa khanseleng ya Selebi Phikwe, Rre Brian Mwansa o ne a tlhalosa fa go le boammaruri madi a duelwa thari mme go dirwa ke mabaka a a farologaneng.
Rre Mwansa o kaile fa go supagetse mo makgethong a le mantsi fa mo nakong e e fetileng go ne ga duelwa batho madi ba sa bereka ka na mo gongwe ba sa tlhole ba le mo botshelong.
Se, se ne sa dira gore go simololwe go seka seka mo go tseneletseng gore diphoso tse di seka tsa boelela.
Rre Mwansa a re, go tlhomamisa gore babereki ba Ipelegeng ba bona madi a bone ka nako ba dirile gore maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse a le marataro ba nne bo ntlha bongwe jwa babereki ba Ipelegeng gore ba tsee boikarabelo jwa go bona gore tsotlhe tse di dirwang kwa Ipelegeng ke tse di maleba.
E rile a tswa la gagwe, Rre Nkawana o tlhalositse fa ba itse ka dingongora tsa badiri ba ba direlang kwa tshimong ya dinamune mme a ba tlhomamisetsa fa ba setse kgang ya teng morago go bona gore ba ka thusiwa jang.
Rre Nkawana o ne a tlhalosa fa ba solofetse go le gontsi kwa polaseng eo. O tlhalositse fa a tshwaraganetse dingongora tsa badiri le boeteledipele jwa toropo ya Selebi Phikwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 21 May 2025







