Breaking News

Badirisi ba metsi ba gokololwa go potlakela go duela

20 May 2025

Mopalamente wa Palapye Rre Onneetse Ramogapi  o gakolotse badirisi ba metsi go potlakela kwa koporaseng ya metsi, ebong Water Utilities Corporation (WUC)  go dira thulaganyo ya go  fokotsa  dikoloto tsa bone tsa metsi pele kgwedi ya Seetebosigo e fela.

Rre Ramogapi o buile se,  kwa moletlong wa go ipelela phenyo ya party mo ditlhophong tsa ngogola o neng o tshwerwe ka Matlhatso kwa Palapye. 

A re WUC e file badirisi  ba metsi sebaka sa go fokotsa dikoloto tse di kwa morago ka sephatlo sa madi a a kolotiwang.

O ne gape a ba tlhalosetsa ka mananeo a lephata la gagwe a supa fa ba fokoditse metsi ka selekanyo sa 30 per cent.

Fa a leboga batlhophi ba kgaolwana ya Mmaphula Bophirima kwa  Palapye go bo ba ne ba tlhopha phathi ya UDC, o kopile banni go tshwaragana a supa fa nako eno e se ya go kgaogana ka mebala ya sepolotiki, mme e le ya go tshwaraganela ditlhabololo tsa kgaolo.

 Rre Ramogapi o ne gape a kgothatsa batlhophi ba Mmaphula bophirima gore ba seka ba fela pelo ka tse puso ya UDC e ba di solofeditseng mme di tlaa diragadiwa.

A re ga ba na go fetogela maitlamo a bone ka gope mme ba tsepame mo go one. 

Mopalamente o kgothaditse banni go  dirisa lenaneo le lesha la Bonno, a tlhalosa fa le akaretsa Motswana mongwe le mongwe go ya ka seelo sa motho sa madi. 

A re puso e eme ka dinao go bona gore lefatshe leno le nna mo seemong le matshelo a Batswana a a tokafala.

Fa a tswa la gagwe mokhanselara wa kgaolo ya Mmaphula botlhaba Mme Bafedile Ben o ne a leboga batlhophi go bo ba mo tshephile ba mo tlhopha. 

Mme Ben a re ga se mokhanselara wa batho bangwe ba Mmaphula Botlhaba ke wa batho botlhe ba kgaolo eo.

A re maikaelelo a moletlo ke go ipelela phenyo le go bopa mosepele go ya pele. 

Mme Ben a re o itse dikgwetlho tsa kgaolo ya gagwe di tshwana letlhoko la ditsela, dikgwa tse di bakang dinoga tse di tona, borukutlhi e bile gape bangwe ba ntshitse kgaolo lefelo le go latlhelwang matlakala mo go lone.

A re molaetsa mogolo wa gagwe ke gore o ya go bereka le batho ba kgaolo jaaka  a tsweletse a dira a ba a ba kopa gore ba phuthologe ba bereka leene go isa kgaolo kwa pele.

Mme Ben a re le fa gona le tlhaelo ya madi kwa khanseleng ga a kitla a swa lentswe, o tla buelela kgaolo ya gagwe ka e na le mathata a mantsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Palapye

Event : Moletlo wa phenyo

Date : 20 May 2025