Bhebe o tlhomamisitswe
20 May 2025
Mokwaledi mogolo wa kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA), Moruti Mosweu Simane a re tiro ya boruti ke go ruta lefoko la Modimo le go rotloetsa kagiso le popagano mo kerekeng le mo setshabeng.
Moruti Simane o buile jalo kwa moletlong wa go tlhomiwa ga ga Moruti Kennake Bhebe wa kereke ya UCCSA kwa Tutume ka Matlhatso. A re moruti jaaka moeteledipele le mokaedi wa phuthego o tshwanetse go tshela se a se rerang, a tlatsa ka go re phuthego le balatedi ba gagwe ba solofetse ditiro tse dintle le tse di eletsegang mo go ene.
“O itise,o bo o tlhokomele go ruta ga gago,o tlhwaafale mo dilong tsotlhe tse,ka go dira jalo,o tlaa bo o ipoloka,o bo o boloka le ba ba go utlwang,”ga rialo Moruti Simane. O ne a mo rotloetsa go nna tlhaga le tlhoafalo mo go rapeleng , go bala baebele le go leboga Modimo.
“A Modimo a nne a go thuse,a go nonotshe go re o nne motlhanka yo o molemo,yo o boikannyo gape o le modiredi yo o senang go tlhajwa ke ditlhong kgotsa go tlhabisa Modimo ditlhong,”, a tlhalosa jalo.
Fa a amogela thomo, Moruti Bhebe o ne a leboga tlotla e a e filweng ke kereke ya go etelela dikereke tse di mo kgaolong ya Tutume, go tswa Matobo go ya kwa Maitengwe. O ne a tshepisa maloko le boeteledipele jwa kereke go re ga a kitla a ba swabisa ka lepe letsatsi.
Moruti Bhebe o boletse fa e sale a goroga mo kgaolong eo ka ngwaga wa 2022,o agile botsalano le tirisanyo-mmogo le balatedi ba kereke mmogo le setshaba sa metse eo. O solofeditse go tswelela a dirisanya le batho ba motse le go godisa serodumo sa kereke mo kgaolong eo.
E rile a latlhela la gagwe,moemedi wa phuthego ya Tutume, kgosi Alphonse Nsala a re Moruti Bhebe o itshupile a le mme wa thapelo e bile a berekela Modimo.
Kgosi Nsala a re moruti o gorogile mo kgaolong ka nako e lefatshe le ne le mo mathateng a tlhagogo a bolwetsi jwa corona. A re ka nako eo go ne go le bokete, mme ene o ne a kgona dikgwetlho tseo ka lorato,bopelotelele le tirisanyo mmogo le maloko a kereke le batho mo motseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Tlhomamiso ya moruti
Date : 20 May 2025







