Go dupa dibuka go botlhokwa
20 May 2025
Go dupa dibuka go botlhokwa ka go fa dikhamphani kana maphata sebaka sa go ikanoka go bona gore ba ka tokafatsa ditirelo tsabone jang.
Se se builwe ke Tona wa Lephata la Metsi le Bonno, Rre Onneetse Ramogapi morago ga mogwanto wa 10km o o neng o tshwerwe ke ba Institute of Internal Auditors Botswana (IIAB) kwa Palapye ka Matlhatso.
Rre Ramogapi a re tiro ya badupi ba dibuka mo makalaneng ka go farologana ga e a tshwanela go tsewa motlhofo ka e thusa dikhamphani go tsamaisa dilo sentle.
A re go botlhokwa gore badubi ba dibuka ba tsibose setshaba ka tiro e ba e dirang gore se itse mosola wa bone.
O ne a leboga badupi ba dibuka go bo ba bone go tshwanela go dira tiro ya bone ya go ikitsise setshaba mo motseng wa Palapye a supa fa bangwe ba ba neng ba sa ba itse ba tlaa felela ba ba itse ba bo ba felela ba dirisa ditirelo tsa bone.
Rre Ramogapi a re go na le dikhamphani di le dintsi thata tse di iseng di itse gore mosola le botlhokwa jwa go dupa dibuka ke eng ka jalo ba tlaa tsiboga mme ba dirise ditirelo tsa bone.
A re konokono ya go dupa dibuka ke gore go seka ga nna le tshenyo e bontsi jwa dikhamphani di iphitlhelang di na le mathata a yone.
Rre Ramogapi a re bangwe ba tsaya fela gore tiro ya badupi ba dibuka e dirwa fela fa go belaetsega gore go nnile le tshenyo ntswa go sa nna jalo.
O tsweletse ka go supa fa go le botlhokwa go dupa dibuka ngwaga le ngwaga go bona seemo sa khamphani le gore e ka thusiwa jang fa e tlhokana le dikgakololo tseo.
Moanamisa mafoko wa ba IIAB, Mme Kamogelo Nnoi o ne a tlhalosa fa kgwedi ya Motsheganong e beilwe go tsibosa setshaba ka tiro ya bone ya go dupa dibuka lefatshe ka bophara. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Mogwanto
Date : 20 May 2025







