Lore lo ojwa lo sa le metsi
19 May 2025
Kgodiso ya ngwana ke konokono mo go lwantsheng borukutlhi le go somarela isago ya bana, ka jalo batsadi ba tshwanetse ba ema ka dinao go itsa go runya ga ditlhotshwana tsa dirukutlhi di tshwana le Mashebeshete mo toropong ya Lobatse.
Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Lobatse ka Labotlhano, Mothusa mookamela mapodisi a Lobatse, Assistant superintendent Montsho Segokgo o ne a begela banni gore e ne ya re Mopitlo e simolola ngwaga ono ga thulanngwa ditlhogo mabapi le borukutlhi jo bo kekelang mo Lobatse jwa Mashebeshete mme ga dumalanwa go bolotsa mophato wa sepodisi ba kopane le baithaopi ba Madibela Lobatse go lwantsha botlhokatsebe joo jwa setlhophana sa dirukutlhi se se neng se tlhorontsha banni.
A re mo tirong eo go ne ga tshwarwa basimanyana le banana ba le masome a mabedi le bosupa (27) ba ba neng ba amega mo go tsa borukutlhi ba ba neng ba tsamaya bosigo ka dithipa, ba amoga batho di tsabone ka dikgoka, ba thuba dikoloi tsa batho fa ba le mo maitisong, ba bo ba ba tlhasela fa ba tswa maitisong. Mme batho bao ba ne ba tshwarwa ba isiwa kwa makgotla tshekelong, le makgotla a Setswana.
Mo dikgetsing tse di lesome le boraro, mo go tsone tse pedi di setse di fedile mme ba bangwe ba ba amegang mo borukutlhing joo ba tsere tshwetso ya gore ba batla gore dikgetsi tsa bone di sekwe kwa ga mmakaseterata fa ba robabongwe go santse go sekasekwa gore a ke di sekelwe mo lekgotleng la Setswana kana di fetele ko pele, ba le supa bone ba setse ba filwe tetla ya go fetela ko pele fa tse pedi di santse di letilwe gore go bonwe kwa mmu wa sekara o tlaa welang teng.
Ass. Superintendent Segokgo a re se se ngomolang pelo ke gore batho bao bontsi jwa bone ke bana mme yo monnye mo go bone ke wa dingwaga tse di lesome le bobedi yo a fitlhetsweng ka thipa le setlhatshana sa motokwane.
Gape a re mo palong ya dirukutlhi tseo ba kgonne go bona megala ya letheka e le mene e dikgetsi tsa yone di ntseng di kwadisitswe kwa mapodising mme go sa itsewe gore e tserwe ke bo mang.
O ne a ntsha letshwenyego la gore go a supega gore bangwe batsadi ke bo tshoso-e-rweleng ka gore ba rotloetsa borukutlhi joo ka ba letlelela dithoto tseo mo malwapeng ba sa botse bana gore ba di tsaya kae.
Godimo ga seo a re ba emela bana ba bone fa ba dirile molato mme seo se kgoreletse ba semolao go dira ditlhotlhomiso le go aga bana ka jalo a ba kopa go emisa seo ka ponyo ya leitlho ka se na le ditlamorago tse di sa siamang.
“Botlhoko jwa teng ke gore letsatsai lengwe o tlaabo a lebagana le wena.
A re kopaneleng bana, lesang go tlhasela mapodisi le baithaopi le ba kgoreletsa go dira tiro ya bone,” a gakolola.
Fa a tswa la gagwe, mokwaledi wa mophato wa baithaopi wa Madibela Lobatse Mme Kagiso Daniel a re ba ne ba tshwere phage ka mangana mo tirong eo ka bangwe batsadi ba ne ba sa dirisanye sentle le bone, ba ganelela bana le ntswa go le mo mpepeneneng gore ba dirile molato.
O supile gore thito kgang ya mathata ke gore batsadi ga ba tlhokomele bana mme ba ba lesa ba gobeya mo mebileng bosigo.
Ka jalo a kopa gore batsadi ba ba neele bana gore ba ba age mme ba tsoge e le baeteledipele ba popota ba lefatshe leno.
Mme Daniel o ne gape a kopa gore batsadi ba ikiteye ka thupana go lwantsha borukutlhi a tlatsa ka gore letshwenyego le legolo ke gore e le baithaopi ba twantsho borukutlhi bangwe ba bone baa tlhaselwa mo malwapeng a bone mme e bile bangwe ba bone ba setse ba tshaba go nna mo malwapeng a bone ka ba tshosediwa matshelo.
Ka jalo a kopa kemo nokeng ya morafe mo tirong eo gore thitibalo e rene.
Mokhanselara wa Peleng legare Rre Stephen Mpofu ene a re e le boeteledipele ba swabisitswe thata ke batsadi bangwe ba bana bao, ba ba neng ba ganelela bana fa ba tshwerwe ke mapodisi.
O ne a lebogela gore tiro e dirilwe ka gore jaaka fa e sale ba simolola letsholo leo seemo se ritibetse ka jaanong batho ba kgona go ya maitisong ka tshosologo le bagwebi jaanong le bone ba supa fa go le botoka fela thata.
A re go botlhokwa gore go tswelele go ntse jalo ka gore ditsheka-tsheko di dirilwe bosheng mme go senogile gore dingwe tsa dikgwebo di tswetswe bosheng di akaretsa kompone nngwe e e dirang megala ya dikoloi ka mabaka a go ngongoregela tshireletsego.
Mokhanselara o supile gore seo se dira gore seemo sa letlhoko la ditiro se kekele mo toropong mme e nne poelo morago mo go ngokeng bagwebi.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Lobatse
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 May 2025







