Maranyane a masha a tlaa tlhabolola matshelo
19 May 2025
Puso e ikemiseditse go naya setshaba ditirelo tsa boranyane gore Motswana mongwe le mongwe a kgone go bona ditlamelo tsa puso a dirisa maranyane a le gongwe le gongwe kwa a leng teng.
Mothusa Tona wa Lephata la Ditlhaeletsanyo le Botlhami, Rre Shawn Ntlhaile o buile jaana fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Hukuntsi bosheng.
Rre Ntlhaile o tlhomamisa gore lephata la gagwe le tsile go gokaganya lefatshe leno lotlhe ka ditlhaeletsanyo tse di tlhabolotsweng, tsa boleng jo bo kwa godimo, e bile di babalesegile.
A re puso e ikaeletse le go anamisa maranyane a 5G a gompieno a leng kwa Gaborone le Francistown fela.
O supile fa ba itlamile go anamisa diromamowa di tshwana le RB1 & 2, Gabz FM, Duma FM, Yarona FM, mo lefatsheng ka bophara.
“Ke batla go le tlhomamisetsa gape gore Botswana o tshwaragane le mafatshe a mangwe ka Satellite le ka dithapo tsa optical fibre tse di ralalang mafatshe a re bapileng nao le mawatle,” a supa.
A re dithapo tse di mo mawatleng, di tsisa inthanete mo Botswana, ka jalo a supa fa lephata le itemogetse fa go santse go na le dikgwetlho tsa itshireletso mo maranyaneng tse di amang Batswana.
A re maikarabelo a puso a mangwe ke go tlhomamisa tshireletso ya maranyane a ICT, a lefatshe le ikaegileng ka one mabapi le itsholelo le tse di amang matshelo a batho.
A re lephata la gagwe le neetswe maikarabelo a go sireletsa badirisi ba maranyane a ICT.
A supa fa ba tlaa dira jalo ba ikaegile ka lenaneo la National Cybersecurity.
“Gone jaana re agile setlhopha sa National Computer Incident Response, se se leng lekoko la bomaitseanape ba Batswana ba ba beetsweng go lepa botlhabetsi mo maranyaneng letsatsi le letsatsi, ba bo ba itepatepanya le diemo tsotlhe tsa botlhabetsi mo maranyaneng,” a supa.
A re lephata le na le Digital Forensic Lab e e itebaganyang le bosupi mo maranyaneng, e e rutang e be e kaela batho ka tsa botlhabetsi mo maranyaneng.
Rre Ntlhaile o supile fa lekalana la poso gompieno le ikamantse le ditirelo tse ba di ntshang ka maranyane, e le mokgwa wa go fefosa le go tsisa ditirelo tse dingwe mo godimo ga tsa dikwalo le mephuthelwana.
“Poso e ntse e leka ka tsotlhe go isa ditlamelo kwa bagolong, segolo thata tsa dituelo tsa bagodi,” a supa.
Rre Ntlhaile a re e tlaa re bogaufing lekalana la poso le ntshe ditirelo tsa dituelo tsa maranyane, a supa fa se, se raya gore bagolo ba tlaa kgona go amogelela kwa metshineng ya ATM.
Fa a leboga, mopalamente wa Kgalagadi Bokone, Rre Reason Lekutlane o ne a supa fa kgaolo ya gagwe e saletse kwa morago mo go tsa maranyane mme e le seemo se se tswang kgakala, a supa fa ditsela tsa Ukhwi, Hunhukwe, Monong di sa siama.
Rre Lekutlane o ne a kopa mothusa tona go buelela go dirwa ga tsela ya Hukuntsi-Ncojane, a supa fa e tlaa dira tiro ya go tsisa ditlamelo kwa metseng e e saletseng kwa morago ka maranyane motlhofo.
A re fa tsela e ka tswelela e itlhokomolosiwa, ga go na go nna motlhofo go tsisa ditlhabololo dipe fela tse puso e akanyang go di dira
Kgosi Merapelo Tshweneyagae o supile fa kgaolo ya gagwe e saletse kwa morago ka ditlamelo, bogolo jang ka tsa maranyane.
O supile fa maranyane a ditlhaeletsanyo ka go farologana a sa tshware sentle mo metseng ka go farologana, a supa fa diromamowa le tsone di sa tshware sentle, di bereka botoka mo Kang le Hukuntsi fela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thuso Kgakatsi
Location : Lehututu
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 May 2025







