Tiriso ya motokwane le cocaine di tsere phekelo e sele
19 May 2025
Tiriso ya ditagi e tshwentse mapodisi le setshaba ka kakaretso.
Se se builwe ke Constable Gabaikanngwe Leinane go tswa kwa ofising ya sepodisi kwa Maunatlala ka matlhatso ko bokopanong jwa tsa botsogo kwa kerekeng ya UCCSA.
Constable Leinane o supile gore ditagi tse di tshwenyang thata mo lefatsheng la Botswana ke motokwane,cocaine le ee twaelesegileng ka leina la katse.
A re ditagi tse di tsena mo lefatsheng ka metlhale e mentsi jaaka dikgorwana tsa melelwane,kwa maemelong a difofane le batho ka bongwe le bongwe ba tsena ka one fa go sa letlelelweng teng.
O supile gore ditagi di ama botsogo jwa o o di dirisang fela thata,a re ba bangwe fa ba le ka fa tlase ga kgatelelo ya ditagi ba dira dilo tse di maswe jaaka go thubetsa, e bo e re kamoso a botswa a bo a sa itse gore go diragetse jang.
A re ba bangwe ba felela ba latlhegelwa ke tlhaloganyo ka gore ba bo ba di dirisitse ka lobaka.
O tsweletswe a supa gore puso e tsaa matsapa a go isa banana ko dikolong tse ko ntle bone fa tsena ko ba inaakanya le tiriso ya ditagi mo go felelang ngwana wa go nna jalo a busetswa gae.
Constable Leinane o supile gore ditagi di a tura fela thata mme ka jalo fa ngwana ka na mogolo a dirisa ditagi fa a sena madi ago di reka o felela a simolola go senya a tsaa dilwana mo ntlung a di rekisa gore atle akgone go bona madi ago reka ditagi .
A re motho yo o dirisang ditagi ga a sireletsega le ba ba nnang le ene, ka gore o nna botlhabetsi mo botshelong jwa gagwe le jwa ba bangwe ka gore yo mongwe o kgona go nna bogale jo bo feteletseng le go iphelela pelo mo ba felelang ba ikgapela botshelo.
O ile a tswelela a kopa batsadi go emisa mokgwa wa go rekisetsa bana ditagi ka di senya bokamoso jwa bone.
A e le ba sepodisi ba kopa gore batsadi ba tlogele go neela bana madi a mantsi fa ba ya sekolong, ka gore madi ao ke o ne a bana ba feleletsang ba raelwa ke ba bangwe go reka ditagi ka ba nna ba tshwere madi malatsi otlhe.
O tsweletse a kopa batsadi go nna ba tlhodumela dibeke tsa bana ba bone ka di olela dilo tse di maswe.
E rile a ntsha la gagwe sergeant Oarabile Tom a tswa ko ofising ya sepodisi mo lekalaneng la thibelo borukutlhi,a re kgokgontsho ya bong mo motseng wa Serowe e godile thata.
A kopa ba kereke ya UCCSA gore fa ba le mo kerekeng ba leke go ruta ,ba manya ditemana tsa Baebele le dilo tse di diragalang ko malapeng.
O ile a tswelela a kopa bo rre go ikuela fa ba kgokgontshiwa, ka gore bontsi jwa nako ba swela mo teng mo go felelang ba tsaya ditshwetso tse di sa siamang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Themba
Location : Serowe
Event : Bokopano
Date : 19 May 2025







