Breaking News

Puso e godisa seemo sa thuto ya diatla

19 May 2025

Puso e tlaa godisa serodumo sa thuto ya ditiro tsa diatla ka go tlhabolola dithuto  le go tlhatlosa madi a itshetso a baithuti.

Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Metsibotlhoko bosheng, Mopalamente wa Takatokwane e bile e le Tona wa Metshameko le Bodiragatsi Rre Jacob Kelebeng, o tlhalositse fa baithuti ba dikole tse ithutelo ditiro tsa diatla ba tlaa atswiwa ka madi aa lekanang le a dikole tsa le a baithuti ba dikole tse dingwe tse dikgolwane, jaaka UB, BIUST, BAC le tse dingwe. 

A re fela jaaka dithuto tse dingwe, thuto ya tiro ya diatla e botlhokwa, a supa baithuti ba filwe bokgoni jo bo farologanang. 

“Bangwe ba fiwa thuto ya dibuka fa bangwe ba kgona ya diatla,” Rre Kelebeng a tlhalosa.

Tona Kelebeng o tsweletse a tlhalosa gape gore puso e itlamile go diragatsa ditsholofetso tsa yone jaaka gooketsa madi a bagodi le madi a baithuti ba dikole tse di kgolwane. 

O ne a tlhalosa fa ba le mo thulaganyong ya go batlela balemi mmaraka wa temo le go ba duela ka bofefo, le gone go tsosolosa matlhabelo a Botswana Meat Commission.

Rre Kelebeng o tsweletse a tlhalosa gore maitlamo a mangwe a puso ke go batlela banana dikole kwa mafatsheng a sele le mono gae.

Fa a itebaganya le dikgang tsa Metsibotlhoko, Rre Kelebeng o supile gore le fa puso e na le mathata a madi, mokgatlho wa Kelebeng Foundation o ka tswelela go thusa  ba ba dikobo dikhutshwane ka go ba agela bonno jo bo siameng.

A re mokgatlho o setse o simolotse go agela motlhoki ntlo kwa Maboane, a supa fa go tlaa agiwa e nngwe kwa  Metsibotlhoko.

Rre Kelebeng o ne a tlhalosetsa banni gore o filwe boikarabelo jwa go etelela pele lephata le lesha la Metshameko le Bodiragatsi,  a re ke sone se se dirang gore a nne boutsana mo kgaolong.

E rile a lekodisa Tona Kelebeng ka matshwenyego a motse, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Thulaganyo Phori, a supa fa ba tlhoka mapodisi le go nna le o ne setempe sa kgotla  go fokotsa mosepele wa go se latela kwa

Modulasetilo o supile fa ba kopa le go tsisediwa badirela  puso ba bangwe jaaka bakwaledi le ba bangwe go tla go ba thusa go isa ditirelo mo motseng wa bone.

E ne e rile a amogela baeng Kgosi Visco Tsiane wa Takatokwane, a kopa banni ba Metsibotlhoko go neela tona matshwenyego a bone, mme a lebogela mopalamente go ba lekola. 

Kgosi Tsiane o ne a ba kopa gape go ntsha le tse puso e di ba diretseng mme e seng matshwenyego fela.

Rre Kelebeng o kopile banni go ikopanya le ba ofisi ya mopalamente fa ba tlhoka thuso. ENDS

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 May 2025