Breaking News

Ba tshenngwa ke bo Mmamanthwane

19 May 2025

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Motshegaletau, Rre Ogomoditse Ramphile a re ba tshwenngwa ke bo mmamanthwane ko matlong a barutabana le a baithuti.

O buile se kwa phuthegong  e e neng e buisiwa ke ya kgotla  ya GaMmangwato, kgosi Seretse Khama IV bosheng. 

Rre Ramphile a re bommamanthwane ba rotela mo dikagong tseo mo go sa tshediseng badiredi ba sekole seo sentle.

A re go na le monko fela oo sa siamelang botsogo jwa motho wa dipeba le bo mmamanthwane ,le wa drain ee thubegileng e tsholola metsi a a sa nkgeng sentle mo go bakelang bangwe malwetsi.

O tsweletse a supa gore ofisi ya bone ya kgotla e ranyegile e bile ga ena ditilo le koloi .

Rre Ramphile o ile a kopa go atolosetswa fa ba nnang teng ba emetse go itekodisa ko ngakeng , le go agelwa ntlo ya boapeelo ka gore ga ba kgone go apeela balwetsi ka matlo a boapelo  a senyegile.

A re ba kopa go fiwa generator gore fa motlakase o kgaogile ba kgone go thusa balwetsi.

Modulasetilo o kaile fa mo kgaolong ya bone ba na le tlhaelo ya dikoloi tse di rwalang balwetsi ka di le pedi fela mo kgaolong yotlhe .

A re letlhoko le, le dira gore balwetsi ba seka ba thusiwa sentle ka gore e nngwe e nna kwa Thabala,e nngwe e nna gone kwa Motshegaletau.

O supile gore koloi ya kokelwana ya Russelmay e thusa motse wa Motshegaletau le Sehunuo.

E rile a ba kgwa dikgaba kgosikgolo a ba bolelela gore dikokelwana di boetse ko khanseleng a kaya fa go tlaa lekwa go baakanngwa fa madi ale teng.

E rile afa mafoko a malebo mopalamente wa Serowe Borwa Rre Leepetswe Lesedi a ba leboga thata go bo ba tsile phuthegong ka dipalo tse di ntsi.

O tsweletse a supa gore ka kgang ya matlo a boapeelo a kokelwana ya Russelmay a tlaa tswelela a baakanywa jaaka go ne go solofeditse mogolwane wa kokelwana eo fa di santse di le ko goromente o motona. ENDS

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : Serowe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 May 2025