Breaking News

Salakae o gwetlha tshwaragano ya morafe le bodiredi

19 May 2025

Tona wa lephata la Dipalamo le Dikago, e bile e le mopalamente wa kgaolo ya Ghanzi, Rre Noah Salakae, o kopile banni ba motsana wa Qabo, go tshwaragana le bodiredi jwa sepolotiki ga mmogo le jwa puso go tlhabolola motse.

Fa a buisa phuthego ya kgotla ka Labotlhano kwa Qabo, Rre Salakae o ne a supa fa tshwaragano ya morafe le  bodiredi e le botlhokwa ka jaana e thusa go bopa megopolo ya ditlhabololo tsa kgaolo go itebagantswe le megopolo e e tswang kwa makgamung otlhe a ba-na-le-seabe.

A re go dira jalo, go thusa le mopalamente go fetisa megopolo le ditshutiso tse di nonofileng kwa palamenteng le go ntsha ditirelo tsa ditlhabololo tsa sennela ruri tse di ka fetolang matshelo a banni go nna a a itumedisang.

Rre Salakae o ne a gwetlha morafe gape go beela kwa thoko dipharologanyo tsa bone tsa sepolotiki mme ba nne seopo sengwe, go buisana le go tsenya letsogo mo ditlhabololong tsa motsana wa bone.

Le fa go le jalo, o ne a tlhalosetsa bodiredi go netefatsa gore ba nna le thulaganyo e e lolameng ya go busetsa diphetolo kwa morafeng morago ga go latedisa ka dingongorego tse ba ikuelang ka tsone mo diphuthegong tsa kgotla.

A re go dira jalo, go ka nonotsha tshwaragano fa gare ga bone le morafe mme e bile gape a re seo, se tlaa godisa mowa wa tshepo mo baeteledipeleng ba kgaolo.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Salakae o ne a tlhalosa fa banana ba wetswe ke seru sa letlhoko la ditiro, mme a supa fa puso a mekamekane le go buisana le babeeletsi, go thusa pusofo fetlha mebereko.

Ka jalo, o ne a ba kopa gore ba seka ba neela tshwene marapo ba santse ba emetse ditshwetso tsa puso, mme ba inaakanye le tse dingwe jaaka metshameko le bodiragatsi.

A re go dirisa ditalente tsa bone, go ka ba thusa go menagane ka jaana ba ka nna le tshiamelo ya go itirela letseno la madi go itshetsa le ba malwapa a bone.

O ne a tlatsa ka gore puso e thubile lebelo go itshwaraganya le bagwebi ba ba  ka thusang ka madi gore ba kgone go atolosa ditlhabololo di tshwana le kago ya ditsela, phatlalatso ya motlakase le tse dingwe tsa sennela ruri mo motseng wa bone.

Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Xhwagkao Xhau, o ne a supa fa ba saletse kwa morago ka kgokelo ya motlakase mme a re seemo seo, fa se sa potlakelwe, se tlaa tswelela se ba jesetsa mo kgobedung.

O tlhalositse gore go salela kwa morago ga morafe wa gagwe, go tlaa paledisa puso go fitlhelela maitlamo a go tlhabolola dikitso ka tsa maranyane.

A re tiego ya tharabololo ya tshimo e ba baya ka fa mosing ka ba fetwa ke ditshono tsa go itirela letseno go thusa go tlhabolola motsana wa bone.

Mo pegong ya komiti ya ditlhabololo, mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Velly Soso, o ne a ngongerega ka tiego ya go diragatsa dikopo tsa di ditirelo tse ba di kopileng e le morafe, ka lenaneo la ditlhabololo la kgaolo Constituency Community Project. O ne a lela ka tlhaelo ya boroko jwa bodiredi ga mmogo le yone tiego ya paakanyo ya dikago.

Rre Soso o ne a kopa gape gore kokelwana ya bone e godisiswe le gore ba agelwe phaposi ya itekodiso kwa kokelwaneng eo.

Fa a ba kgwa dikgaba, Modulasetilo wa khansele ya Ghanzi, Rre Thabiso Kebadile, o ne a supa fa tiego ya go rolelwa tshimo ya morafe e santse e tlhotlhomisiwa, mme a ba solofetsa fa ba tlaa boela kwa go bone morago ga tshwetso ya lekgotla la ditsheko.

O ne a gatelela fa khansele e leka ka bojotlhe go abela merafe masimo e le tsela nngwe ya go rudisa mowa wa boipelego mo merafeng, gore ba kgone go lema le go rua ba itirele letseno go thusa puso go tlhabolola motse wa bone.

O ne a tlatsa ka gore go ne go dirilwe kopo ya lenaneo la kgokelo ya motlakase mo magaeng, mme metse ya Qabo le Kuke di ne di kopetswe madi mme ka maswabi , Qabo ga baa atlega fa Kuke bone ba atlegile.

Ka jalo, o ne a kopa morafe go nna ka tsholofelo gore selelo sa bone se tlaa arabiwa.

Mo mafokong a gagwe a malebo, mokhanselara wa Qabo, Rre Moeng Tlhabagasane, o ne a tsibosa batsadi go emisa mokgwa wa go letlelela bana ba ba kwa tlase ka dingwaga go bereka mo dipolasing tse di mo tikologong.

O ba kopile go nna pudi matseba ka ditshwanelo tsa bana a supa fa se ba se dirang e le go gataka ditshwanelo tsa bana, a ba tlhalosetsa fa e le molato go dira jalo. O ne a tlhagisa banana go ikgapha mo tirisong botlhwaswa ya nnotagi, mme a ba rotloetsa go inaakanya le mananeo a banana a itshetso ga mmogo le metshameko, go leka go fetola maitsholo a bone go nna a a itumedisang mo setshabeng. ENDS

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Qabo

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 May 2025