Breaking News

A dikgosi di fiwe dithata - Ketlogetswe

18 May 2025

Dikgosi di tlhoka go fiwa dithata ka se se ka thusa mo go laoleng merafe le go busetsa diemo dingwe mo taolong.

Go tlhoka dithata mo go na le seabe mo masuleng a tshwana dipolaano, bogodu, botlhoka tsebe mo bananeng le a mangwe a tsweletseng ka go golela pele mo metseng ka go farologana.

Kgosi Clinic Ketlogetswe wa Pole o buile se amogela baeng mo phuthegong ya kgotla e eneng e buisiwa ke mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Justin Hunyepa ka Labone.  A re fa dikgosi di ka fiwa dithata, seo se ka dira gore batho ba tshabe go dira melato mengwe mme go bo go thusa gore dikgolegelo di seka tsa penologa jaaka go ntse mo nakong eno.

Kgosi Ketlogetswe o ne a supa fa ba na le dingwagangwaga ba ikuetse ka go tlhoka mapodisi mo motseng wa bone, a re dirukutlhi di itirela go rata le go kgona ka di itse fa go sena bodiredi. Kgosi o supile fa go na le tiego ya go abiwa ga ditsha mo motseng wa bone, a re seo se baka gore nako e baikopedi ba abelwang ditsha, ba bo ba feletswe ke maatla a go di tlhabolola, ka jalo a kopa gore dikgosi di fiwe dithata tsa go laola kabo ya ditsha, fela jaaka go ne go dirwa mo dingwageng tsa maloba.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Jona Selape o ne a supa letshwenyego tebang le letlhoko la matlo a boroko jwa badirelapuso, a kopa gore ntlha eo e lebelelwe thata ka e ama badirela puso go ntsha maduo mo tirong. O ne a ikuela ka letlhoko la mebereko le le apesitseng banana kobo ka letshoba, a tlhalosa fa banana ba setse ba ikaegile ka lenaneo la Ipelegeng, a re mme sebe sa phiri ke go bo lenaneo leo le sa hire palo e kalo ka kgwedi mo motseng wa bone.

Rre Selape o supile fa ba sena fa ba nosang leruo teng, a kopa gore ba agelwe letamo le le tlaa ba thusang go namola leruo mo lenyoreng, a bo a kopa khansele go tsibogela ditsela tse di mo motseng ka di le mo seemong se se maswe.

 Rre Winter Jambo o ne a kopa puso go fefosa go tlhama ditiro mo lefatsheng leno, a re letlhoko la ditiro ke sengwe sa tse di bakang gore banana ba bo ba inaakantse le ditiro tsa botlhokatsebe.

 Rre Badge Ndzimumbi o ne a supa puso ka monwana, a re le yone e na le seabe mo go oketseng letlhoko la ditiro mo bananeng ,ka go busetsa batho ba ba tlogetseng ditiro ka bogodi mo maphateng mangwe, mme go na le banana ba ba kailang mo mebileng ba ba ka kgonang go dira ditiro tseo. Mme Esther Ngebani o ne a ngongoregela go sa duelwa ka nako ga bodiredi jwa nakwana mo maphateng a puso.

 Fa a tsibogela matshwenyego mangwe a bone, mopalamente Hunyepa a supa fa keletso ya gagwe e le go bona madi a go tlhabolola dikgaolo a  dirisiwa mo ditirong tse di ka nnang le seabe mo go fetoleng matshelo a batho. A re puso ka fa tlase ga lephata la Metsi le Bonno e sa tswa go ribolola lenaneo la bonno, le ka lone e lekang go fokotsa letlhoko la matlo a boroko mo metseng ka go farologana, go akarediwa le motse wa Pole.

 Fa a akgela mabapi le go sa duelwa ka nako ga badiri ba nakwana, Rre Hunyepa a re ka tshwanelo fa motho a dirile tiro o tshwanetse a duelwa ka nako, a re ka jalo ba tlaa netefatsa gore ba sala kgang eo morago go bona gore matsapa di a tsaya kae. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Pole

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 May 2025