Breaking News

Dikomiti le khansele ba ithunya dinta

18 May 2025

 Ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse tsa Letlhakeng, ba ne ba kopanye le bogogi jwa Khansele ya Letlhakeng, go tla go itsane jaaka e le bone bakgweetsi ba ditlhabololo tsa kgaolo eo.

Mothusa mokwaledi wa Khansele eo Mme Janet Sehunwe, a re maikaelelo ke go itsane le go bopa setlhopha se se tsepameng e le dikomiti, bagolwane ba metse le bogogi jwa khansele.

Mogolwane wa ditlhabololo tsa metse kwa Khanseleng Rre Tiroyaone Rampe, o ne a re dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di tlhamilwe ke tautona Sir Seretse Khama ka ngwaga wa 1968, e le tsela nngwe ya go atolosetsa ditlamelo kwa bathong. O tlhalositse fa dikomiti tse di ne tsa direlwa melawana ka go ne go lemotshega fa di sa dirise madi sentle, mme ga bonwa go le botlhokwa gore ba tle ba rutiwe gore ba kgone go di tsamaisa.

A supa fa mo nakong eno go dirwa melawana e mesha e e tlaa simololang go dirisiwa ka kgwedi ya Phalane monongwaga, mme jaaka dikomiti tse di felelwa ke botshelo mo bogaufing, di tlaa felela di tlhophiwa nako e le nngwefela, ba bo ba rutintshiwa ka nako e le nngwefela. Rre Rampe o tlhalositse fa dikomiti tse, e le tsone di gogang kwa pele ditlhabololo a re fa ba dirisa madi gompieno ba tshwanetse ba kope pele kwa khanseleng le gone go bona motlhala wa tiriso ya madi ao. A re mokwaledi wa khansele le ma VDC ba tshwanetse go nna le boikarabelo jwa madi ao. 

Rre Rampe a re dikomiti tse di tshwanetse go tsenya maranyane gore ba nne ba romela metsotso, a supa fa go tsamaisiwa ga VDC go tshwanetse ga tokafadiwa. A supa fa dikomiti tse di dira madi ka matlo, ditena le go hirisa diholo, ebile di kolotiwa madi a a fetang P400 000, mme kwa letloleng di beile madi a a fetang P1 million. Rre Rampe a re ba ikaelela go dira ditiro tse dingwe tse di ka tsenyetsang dikomiti letseno jaaka Cultural Village le di Guest House, go ngokela batho mo kgaolong.

Modulasetilo wa khansele Rre Gordon Mokgwathi, a re Tautona Advocate Duma Gideon Boko o tlhalositse fa kgaolo ya Letlhakeng e di goga kwa pele ka lehuma, le go tlhoka ditlhabololo mme ba lebanwe ke gore ba simolola ka kgaolo e e senang madi lefaele tsone ditlhabololo. A re ba tshwanetse go itse gore ba dira eng kwa metseng ya bone go fokotsa manokonoko a lehuma.

Rre Mokgwathi a re mananeo a metse a dirwa ke ba VDC, ebile ba tshwanetse go araba morafe fa o ba botsa mo diphuthegong, mme fa ba sena dikarabo ba ba boletse kwa diofising tse di maleba  eseng go emela diphuthego tsa bone.

 A re ga gona ope yo a ka tswang go sele go tla go ba tlhabololela metse ya bone, a bo a supa fa khansele e ka se kgone e le nosi. A re puso e batla go ntsha ditiro tse ditona e di neela dikhansele gore di dirwe ka VDC, mme a ba kopa go tsaya karolo mo go tlhabololeng metse ya bone. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego

Date : 18 May 2025