Botswana o tlhomile pele thibelo ya HIV AIDS
18 May 2025
Botswana o tsweletse ka go eteletsa pele mananeo a thibelo le kalafi ya HIV/AIDS mo bathung ba ba ka fa mosing.
Mogokaganyi wa ditiro tsa National AIDS and Health Promotion Agency (NAHPA) Rre Ontiretse Letlhare o buile jalo a a fa pego ya ka fa Botswana a neng a dira ka teng mo go tsibogeleng HIV/AIDS mo ngwageng wa madi o o neng o fela ka Mopitlo 31, 2022. Fa a begela komiti e e itebagantseng le go tlhokomela gore dithoto tsa puso di dirisiwa sentle (61st Public Accounts Committee (PAC)) mo Gaborone, ka Labotlhano, Rre Letkhare o ne a re go lemogilwe fa ditlhopha tsa batho di tshabelelwa ke kgethololo le go nyenywa, ke sone se ba neng ba tsibogelwa ka go bereka mmogo le makgotlana a a buelelang ditshwanelo tsa ba ba ka fa mosing.
A re mo Botswana, go goga, go tlhoka go itshedila mmele, go iphetisa dino, le go tlhoka go ja sentle e le dingwe tsa tse di tlhodileng malwetse a a sa tshelanweng. Go tsibogela ntlha e, Rre Letlhare a re puso ka lekalana la NAHPA, e ne ya baya kwa pele tse di rotloetsang botsogo ka go ikamanya le go abela madi makgotla le makalana a a tsepameng mo go tsa itshidilo mmele di tshwana le mabelo, mogwanto le go palama dithaba.
A re puso e thusa ka dithuto tsa botsogo le go rotloetsa ditlhatlhobo tse di atleng di gogele kwa gore batho ba romelwe kwa dikokelong fa ba na le dikai tsa malwetse a a sa tshelanweng, ditiro tsa mhuta o gantsi di tshwarwa ke makgotlana. Go lemoga bolwetse jo bo sa tshelanweng go sale gale go mosola thata ka go netefatsa dipoelo mo itsholelong le botshelo ka kakaretso isago, ga rialo Rre Letlhare.
O boletse fa go fetola maitshwaro ga batho ka bongwe ka bongwe go le kwa tlase thata go ka itepatepanya le diemo tsa HIV le malwetse a a sa tshelanweng. Diemo tse a re di akaretsa kgethololo, go nyenywa ga ba ba tshelang le mogare wa HIV, ba-na-le bogole, ba ba ithekisang mmele le ba ba ratanang le ba bong jo bo tshwanang le jwa bone.
A re kgethololo eo e kgoreletsa phitlhelelo, kalafi, tlhokomelo le kemo-nokeng ya batho ba. Rre Letlhare a re mathata a mangwe ke go akanya gore diphatsa ga di kalo, bogolo jang mo bananeng, tshotlakako go lebilwe bong, go tlhoka go ya ngakeng ga borre, go ratana ga batho ba dingwaga tse di katologaneng ga mmogo le go itontela dino le diritibatsi. A re go tsibogela tse, lekalana la gagwe le tsweletse ka go ikamanya le makgotlana a ditshwanelo le a tumelo go abelana ka thuto ya botsogo, go tlhatlhobela batho HIV le malwetse a a sa tshelanweng.
A re kgwetlho e e tlhagogang ke e e amanang le gore madi a a dirisiwang mo digajajeng tse pedi tse a tlaa tshwarelela go fitlhelela kae, bogolo jang go lebilwe gore makalana a a ntseng a thusa lefatshe ka madi jaaka Global Fund le PEPFAR a re a tlaa tloga a emisa dithuso ka jaana Botswana jaanong e le lefatshe la itsholelo e e fa gare.
Rre Letlhare a re ka kemo-nokeng ya UNAIDS, NAHPA e kgonne go fetsa tshekatsheko ya gore a Botswana o ka kgona go ntsha dithuso tsa AIDS go tswa mo go thusiwang ke ba ba kwa ntle go ya kwa go ithuseng ka dithata tsa ‘rona’. Tshekatsheko e ya bokgoni jwa go itomologanya le dithuso tse di tswang kwa ntle, e gogetse kwa go bopiweng ga lenaneo la petlo tsela, le le tlaa anamisiwang le ba-tsaya karolo mo bogaofing gore ba le ithute ba bo ba le diragatse, a tlhalosa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Gaborone
Event : Public Accounts Committee briefing
Date : 18 May 2025







