Breaking News

Merwalela e gomagometsa banni ba Etsha 13 le Ikoga

16 May 2025

Merwalela e gomagometsa banni ba metse ya Etsha 13 le Ikoga kwa kgaolong ya Okavango. 
 
Mme Lebuwang Oagetsweng wa kgotla ya Boyei kwa Etsha 13 a re metsi a monongwaga a mantsi  e bile a gaufi le go tsena mo matlong a bone. Mme Oagetsweng a re ba bone seemo seo sa merwalela la bofelo ka ngwaga wa 2010, mme metsi a teng a ne a sa atumela matlo thata jaaka a ngwaga ono. 
 
Mo potsolotsong, Molaodi wa kgaolo ya Okavango Rre William Keareng o tlhalositse fa seemo seo se bakiwa ke gore noka ya Okavango e e tsayang metsi kwa mafatsheng a Angola le Namibia e tshela. Rre Keareng a re gape ngwaga ono pula e nele e le ntsi mo Botswana bogolo jang ka kgwedi ya Hirikgong.
 
Rre Keareng a re pula e ntsi eo e bakile gore lefatshe le kolobe ka jalo noka e elela le mo meleng ya yone ya bogologolo. O tlhalositse fa mafelo a a nang le matshositse ele Etsha 13 le Ikoga le mafelo mangwe a ko boseja jwa noka ya Okavango. A  re komiti ya dibetso tsa tholego ya kgaolo eo e malala a laotswe, go ka thusa ba ba ka amiwang ke merwalela ka ditante kgotsa go ba hudusa fa seemo se tswa mo taolong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Gumare

Event : Potsolotso

Date : 16 May 2025