Breaking News

Letlhoko la ditsha le kokonela banni

15 May 2025

Banni ba Malatswae ba ngongorega ka lephata le le botlana la kabo ditsha la Paje ba re le ba beile ka fa mosing mo go ba abeleng ditsha tsa bonno le temo.

Ba boletse fa go le lebaka ba ntse ba sa beiwe ditsha tsa bonno le mororo e le banni ba ba nnang kgakala le ditlamelo ebile itsholelo ya bone e le kwa tlase ka go sena ditiro kwa Malatswae. Banni ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Malatswae bosheng, e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Serowe Bophirima, Rre Onalepelo Kedikilwe, go ba lekodiso, ka tse ba di buileng kwa palamenteng e e fetileng le go utlwa matshwaenyego a bone. 

Ba boletse fa ba nna ba le mosuke mo malapeng mo ebileng go na le dikgotlhang fa gare ga masika a a nnang mmogo, ba tlhalosa fa kgokgontsho le yone e ile magoletsa mo malapeng a bone. Mongwe wa barui, Rre Olerato Ketsieditswe, o tlhalositse fa ba sena kwa ba fudisetsang teng, a bolela fa bontsi ja lefatshe bo filwe barui bangwe ba majesetso a leruo le didiba.  A re ga gona kwa ba lemang teng ba dikaganyeditswe ke dipolasi tsa batho ba ba itsholetseng.

Rre Dikakanyo Phuduhudu o boletse fa ba ba filweng dikgomo ka lenaneo la ba ba kgakala le ditlamelo la RADP ba boletse fa go sena mafudiso le kwa ba nosang leruo la bone teng. O kopile gore Lekgotla la Kabo-Ditsha le ikiteye ka thupana go thusa batho ka lefatshe gore ba leke go dira matshelo ka lone.

Rre Phuduhudu o boletse fa batho ba Malatswae ba sena kwa ba berekang teng ba lebile fela mo Ipelegeng e thapa banana le bagolo mme ba kopa lefatshe go itokafatsa ka mananeo a puso. Bangwe ba supile fa tiego e, e na le seabe mo go ipeyeng fela.

Rre Bakgaogane Ditshotlo, o tlhaloseditse mopalamente fa polasi ya bone ya morafe e sa dire sentle le mororo ba Debswana ba ne ba tsentse madi gore ba e tlhabolole ba tlhame mebereko le go tlhabolola motse wa bone. O kaile fa pego ya madi e e neng ya begwa, e sa kgotsofatse mme ga kopiwa gore e boele morago go baakanngwe dilo dingwe mo go yone.

Fa a ba kgwa kgaba, modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha le le botlana la Paje, Rre Godfrey Sikwane, a tlhalosa fa ba ne ba diilwe ke go dira mealo ya lefatshe, mme a tlhalosa fa ba setse ba feditse go sega le go potiela mme a solofetsa gore kgwedi e e tlang ya Seetebosigo ba tlaa ba abela ditsha. Rre Sikwane a re ba ne ba kopana le morafe go sekaseka kwa ba boneng lefelo le ba ka ba bayang teng go nna la mafudiso, a re ba saletswe ke go le etela go ikgotsofatsa.

O boletse fa ba ne ba baya batho mo masimong a batho mme seo sa tsala tlhakatlhakano. A re phimolo dikeledi ya motho a tseetswe setsha sa tshimo, e laolwa ke dituelo le ditlhwatlhwa tsa thekiso ya nako eo. O ba tlhagisitse fa go ipaya ditsha kwa ntle ga lekgotla la kabo ditsha e le molato fela o motona o motho a ka atlholwang madi a a kana ka P20 000 kana dingwaga tse pedi mo kgolegelong kgotsa tsotlhe.

Mo kamogelong Kgosi Dikabelo Bosigo o ne a tlhalosa fa ba tlhorontshiwa ke bogodu ja leruo mo kgaolong. O tlhalositse fa diterata tse di laolang matlhoko a leruo di sule, mme leruo le tsamaya fela le tlolaganya melelwane. Kgosi Bosigo o ngongoregile ka dikhampani dingwe tse di tsenang mo motseng wa gagwe di sa ba rerisa mme ba dire ditiro ka bonako ba sa thape batho ba motse. A gatelela fa ba ikaegile fela ka Ipelegeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Malatswae

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 15 May 2025