Banni ba Sehithwa ba kopa puso go ba abela diphologolo
15 May 2025
Banni bangwe kwa Sehithwa ba re ga ba jesiwe diwelang ke tshwetso ya puso ya go tshuba dinare tse di tlhorontshang banni mo motseng, mme ba kopa gore kgang e sekasekwe gore bogolo banni ba abelwe diphologolo tseo gore di jewe mo dikgotleng.
Banni ba buile seo mo phuthegong ya kgotla bosheng e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Maun Bophirima, Rre Caterpillar Hikuama ba re ba sebete se molangwana ka jaana ba itemogetse gore go le gantsi diphologolo tseo ga di tshubiwe mme di jewa ke badirela puso bangwe. Ba kopile puso go leba kgang eo ba supa fa go abela morafe diphologolo tseo go ka ba rotloetsa go di somarela le gone go tshela le tsone jaaka puso e rotloetsa.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Maletelo Molatlhiwa o ne a iteela mafoko ao legofi, a re tharabololo ya kgang ke go abela banni diphologolo tseo gore di jewe mo kgotleng e seng go di tshuba.
“Re sebete se molangwana ka jaana go sena bosupi jwa gore diphologolo tseo di a tshujwa ka jaana gantsi go tsamaya badirelapuso fela fa di ya go tshubiwa,” a tlatsa jalo.
O kopile puso go fokotsa diphologolo tse di sailang mo metseng jaaka ditlou le dinare, a re di baya matshelo a banni mo diphatseng, a tlatsa ka gore bangwe ba ne ba ipeetse ditemanyana mme ba dule fela ba iphotlhere ka lebaka la tshenyo ya ditlou. Mme Molatlhiwa o boletse gape fa banni ba gateletswe ke leuba mme a kopa puso go sekaseka gore a e ka seke e fokotse ditlhwatlhwa tsa dijo tsa leruo le melemo ka jaana di babalela balemi-barui.
Mo dikgannyeng tse dingwe, o ne a lebogela kago ya ditirelo kwa Sehithwa a re e tsweletse sentle. O ne a iteela gape legofi madi a P5.1 millon a a tswang mo lenaneong la madi a go tlhabolola dikgaolo go feleletsa kago ya ditirelo a re seo se tlaa thusa banni go akola ditlamelo gaufi.
A re ba ne ba solofeditswe kago e ntsha ya kokelo, mme e bile ba setse ba e kopetse lefatshe go bapa le ya ditirelo, ka jalo a kopa puso go tsibogela seo ka banni ba sokola ka ditlamelo tsa botsogo ka jaana dingaka le baoki ba tlhaela kwa kokelwaneng e e teng mo nakong eno. A re fa kokelo eo e simolola go agiwa, ba eletsa gore e tle e tsentse le matlo a boroko a bodiredi.
Mme Molatlhiwa a re tlhaelo ya boroko ke kgwetlho e tona a supa fa bodiredi jwa Weigh Bridge bo robala mo dikolotsaneng tsa boroko, le ntswa bogogi jwa bone bo kile jwa ba solofetsa go ba agela diofisi le boroko kwa setsheng se ba sa bolong go se abelwa.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la diphologolo, Rre Tlhopo Raditedu o ne a ganetsa dipelaelo tsa banni tsa gore diphologolo ga di tshujwe, mme di jewa ke badirelapuso bangwe. O ba solofeditse fa go ya pele ba tlaa nna ba tsaya bangwe ba banni go ya go rurifatsa gore dinare tseo di a tshubiwa jaaka molao o letla.
O ne a tlhalosa botlhokwa jwa go tshuba dinare a re ke tsone di phatlalatsang bolwetsi jwa tlhako le molomo. Fa a tsibogela ya ditlou, o kopile banni go tswelela ba ba begela ka tshenyo gore ba kgone go ba thusa ka go ba neela dikatso tse di maleba.
Mopalamente wa kgaolo, Rre Hikuama o ne a supa fa kopo ya morafe e le maleba a supa fa diphologolo di ba tlhorontsha e bile di ba kobile le kwa merakeng tota. A re fa phologolo e ba tlhorontsha, puso e ka sekaseka go e bolaya e bo e apewa kana go rekisa nama ya yone mme morago e neele morafe madi ao go thusa mo ditlhabololong tsa motse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Sehithwa
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 15 May 2025







