Barolong ba leboga komiti ka tshwaro ya thomo
15 May 2025
Ba tsena phuthego ya tshekatsheko ya dikgang tsa bogosi kwa Goodhope ba supile fa ba itumelela ka fa komiti e e tshwereng kgang eo, e dirang thomo ya yone ka teng.
Morafe o supile fa o itumelela therisano mo kgannyeng e. Ba buile se kwa phuthego e e neng e buisiwa ke Tona wa Selegage le Merero ya Ngwao Rre Ketlhalefile Motshegwa, kwa kgotleng kgolo ya Goodhope ka Labobedi.
Kgosi Thabo Mathiba wa Mmathethe o supile fa kgato e puso e e tsereng e le e ntle, mme a gakolola gore marara a a bidiwang dikgosi tsa tetlanyo le bone ba tsenngwe mo melaong ya bogosi. Rre Letlhogonolo Phatsima, yo e leng kgosana ya tetlanyo, a re kgato e puso e e tsereng e maleba ka gore lefoko la ‘kgosana’ le dira gore ba nyadiwe ke morafe.
Mme Susan Pitso ene o supile fa komiti eo e ba butse matlho ka jaana nako tse dintsi morafe o lwela bogosi le bora-lekgotla le baagedi. A re jaanong ba tlaa itse gore le fa go tlhophiwa ba tlhophe batho ba ba sa bolong go aga mo lefelong pele.
Kgosi Tirontle Kgopo wa Mokgomane a supa fa a itumeletse komiti eo ka ba sokodisiwa ke go tlhoka bathusi. O tlhalositse gore seo se dira gore fa kgosi a seo ka mabaka mangwe a tiro kana a le mo malatsing a boitapoloso, morafe o tlhoke thuso.
Rre Motshegwa yo o neng a patilwe ke modulasetilo wa komiti Kgosi Puso, o supile maikaelelo a komiti eo e le go fa Batswana sebaka sa go ntsha megopolo gore ditsamaiso tsa bogosi di ka fetolwa jang.
Tona o ne a tlhalosa gore puso e tsere tshwetso ya go sekaseka dikgang tsa bogosi le go tokafatsa pereko ya bone ka e le bone ba netefatsang gore go na le ledula mo setshabeng. A re tshekatsheko eo e tlaa godisa seriti le serodumo sa maemo a bogosi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Goodhope
Event : Phuthego
Date : 15 May 2025







