Breaking News

Tikologo mokokotlo wa dipoelo

14 May 2025

Go botlhokwa go tlhokomela tikologo ka e le mokokotlo o o tiileng wa go tlhomamisa gore batho ba bona dipoelo tse di molemo go tswa mo tikologong ya bone.

Ka jalo batho ba kgaolo epe fela ba tshwanetse go lemoga fa tikologo e e tlhokomelesegileng e le peeletso.  Mogolwane wa lekalana le le itebagantseng le dikgang tsa tshomarelo tikologo la Green Climate Fund (GCF), Rre Steve Panfil, o buile se kwa tshimolodisong ya lenaneo la tokafatso mahudiso a botlhe kwa Tsabong ka Mosupologo.

 A re ka kemo-nokeng ya GCF le lekgotla la mafatshefatshe la Conservation International, go solofetswe gore lefatshe la Botswana le nonotshe le bo le gatele pele mo maitekong a lone a go itepatepanya le ditlamorago tsa phetogo ya loapi. 

“Fa tikologo le di-tsa tlholego di tlhokomelesegile, e nna tsone tse di boang gape di tlamela ba matshelo a bone a ikaegileng ka tsone,” a bua jalo a supa fa ka ntlha ya se, makgotla oo mabedi a tlaa thusa puso go nonotsha Batswana gore ba kgone go tlhokomela tikologo. 

Mogolwane wa Conservation International mo Botswana, Mme Portia Segomelo, o ne a tlhalosa fa phetogo ya loapi e tlama lefatshe la Botswana go tsibogela dilo di akaretsa tokafatso ya mahudiso a a kopanetsweng gore barui ba akole dipoelo mo thuong. 

Mme Segomelo a re lenaneo leo gape le tlaa nonotsha bodiredi le ditirelo tse di teng ka go betla sesha melawana le ditsamaiso gore di tsamaelane le maikaelelo a go lwantsha kgothego ya mahudiso. A re sengwe sa botlhokwa se se tlaa rojwang ka lenaneo leo ke kabelano maele ya methale e batlapele ba neng ba e dirisa go somarela tikologo le go e tshwantshanya le ya sesha. 

A re morago ga go fiwa madi go tsamaisa lenaneo, lefatshe la Botswana le tlaa rola pego ka ngwaga wa 2030 go supa diphitlhelelo tsa lone tebang le maiteko a go tokafatsa mahudiso le go tlhokomela tikologo ka kakaretso. 

Motshwarelela-tona wa Lephata la Lefatshe le Temo-Thuo, Dr Edwin Dikoloti yo lephata la gagwe le okametseng lenaneo leo, a re go botlhokwa gore ba-na-le seabe ba tshwaragane go tlhomamisa katlego ya lenaneo. A re Botswana jaaka mafatshe a mangwe o aparetswe ke dikgwetlho tse di botlhoko tse di bakilweng ke phetogo ya loapi. Dr Dikoloti a re ka jalo go botlhokwa gore botlhe ba ba amegang ba tlhomamise gore thuso ya GCF le Conservation International e nna le dipoelo tse dintle mo bathong ba lefatshe leno. 

Kgosi David Toto II wa Tsabong a rotloetsa Batswana go tshwaragana le puso ka go atla mananeo a a diretsweng go ba tlhabolola. Kgosi Toto a re seo se ka thusa go lwantsha matshwenyego a tshwana le letlhoko la ditiro ga mmogo le khumanego. O ne gape a ikuela mo metseng go tshwaragana gore ba kgone go atlega mo go dipe fela tse ba ikemisetsang go di dira. 

Lenaneo leo la tshomarelo tikologo le simolodisitswe ke Tautona Advocate Duma Boko, yo a neng a supa fa lefatshe la Botswana le ntshitse seabe sa P1 billion go isa madi otlhe a lenaneo kwa go P13.1 billion a bontlha bongwe jwa one bo duleng kwa GCF. ENDS

Source : BOPA

Author : Keonee Majoto

Location : Tsabong

Event : Bokopano

Date : 14 May 2025