Tshwaragano e botlhokwa mo ditlhabololong
14 May 2025
Maloko a mokgatlho wa Palapye First Development Foundation (PFDF) ba kopilwe go tshwaragana gore ba kgone go fitlhelela maitlamo a bone le go tlhabolola motse.
Tshwaragano e, go tlhalositswe e ka lere katlego mo ditirong tsa motse ka go farologana. Mopalamente wa Palapye, Rre Onneetse Ramogapi, o buile jalo ka Matlhatso jaaka mokgatlho o, o ne o tshwere mogwanto wa sekgele sa dikhilomethara di le lesome, maikaelelo e le go tsibosa setshaba ka mokgatlho le go tshwaragana kgatlhanong le kgokgontsho ya bong (GBV).
Rre Ramogapi o ne a re mokgatlho o ke wa banni ba Palapye, ka jalo fa ba ka tshwaragana ba ka kgona maikaelelo a bone a go tlhabolola motse, ka go tsenya letsogo mo ditlhabololong di tshwana le tsa thuto, botsogo, dikago, temo-thuo le tse dingwe.
Rre Ramogapi a re PFDF ga e a tshwanela go nna babogedi kana bakgadi, mme ba tshwanetse ba eme ka dinao ba bone gore motse wa bone o a tlhabologa. O ne a ba kopa go tla ka megopolo ya gore ba ka tlhabolola motse wa bone jang kana ba ka o direla eng.
Mopalamente a supa fa mogwanto oo o nnile molemo fela thata ka go le gantsi maloko a bua ka maranyane fela mme bontsi jwa bone ba sa itsanye e bile ba sena nako ya go kopana, ka jalo go molemo gore ba bo ba kgonne go kopana e le lantlha gore ba kgone go itsanye. A akgola maloko a mokgatlho oo go bo ba ne ba tsena mogwanto o ka dipalo tse di nametsang.
Modulasetilo wa mokgatlho Rre Abel Mbaakanyi, o ne a lebogela mopalamente go bo a tsile kwa mogwantong go ba rotloetsa, a supa fa a e le keletso ya bone go bona kgaolo e tlhabologile. A re e le mokgatlho ba batla go nna le karolo mo go tlhabologeng ga motse le gone go o godisa go nna toropo.
Rre Mbaakanyi a re mokgatlho o simolotse ka ngwaga wa 2017, mme ba itemogetse fa ditlhabololo tsa motse wa bone di nna mme tse dingwe ba sena seabe mo go tsone ka jalo, ba bona go tshwanela gore le bone ba nne bontlha jwa tsone.
Modulasetilo a re ga go a tshwanela gore ba nne fela ntswa ba na le dikitso tse di farologaneng di tshwana le tsa bongaka jo bo farologaneng, barutabana, baagi le tse dingwe mme ba sa di dirise ka jalo motse wa bone o tshwanetse o anywe mo go bone.
Rre Mbaakanyi a re matshelo a banni ba Palapye a tshwanetse a fetoge ka ba ithaopa go dirisa boitseanape le botsipa jo bo farologaneng. A re mokgatlho wa bone o botlhokwa thata ka o akaretsa mongwe le mongwe ka botsipa kana dithutego tse a nang le tsone e bile ga se wa sepolotiki. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Mogwanto
Date : 14 May 2025







