Breaking News

MVA Fund ga e itumedisiwe ke batlhokomedi

14 May 2025

Ba letlole la MVA Fund ba tshwenngwa ke ka fa bangwe ba batlhokomedi ba bana ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi mo dikotsing tsa tsela ba dirisang madi a dithuso tsa tatlhegelo ya motlhokomedi ka teng.

Mogolwane wa MVA Fund, Mme Angela Webb, o ntshitse matshwenyego a kwa thuto-puisanyong ya dithuso tsa ba ba latlhegetsweng ke batlhokomedi ka ntlha ya dikotsi tsa dikoloi e e neng e tshwerwe kwa Palapye ka Mosupologo.

Mme Webb a re lekalana la MVA Fund le ne la emisa madi a a neng a fiwa motho fa a gobetse mo kotsing ya koloi, morago ga go lemoga fa a dirisiwa mo dilong di sele mme a ne a diretswe gore motho a duelele kalafi. A re MVA Fund e eteletsa pholo kwa pele ke ka moo gompieno ba sa ntsheng madi mme ba duelela ba ba amegileng bongaka le ditlamelo tsotlhe tse ba di tlhokang. 

Mme Webb a re kgang e nngwe e e tshwenyang ke ya batho ba ba sa ba boleleleng boamaaruri ba latola gore ba mo nyalong. A tlhalosa gore motho fa a ne a thusiwa ka madi morago ga go latlhegelwa ke monna kana mosadi fa a tsena mo lenyalong le lengwe dithuso di a emisiwa.

Fa a tlhalosa maikaelelo a thuto-puisanyo eo, mogolwane wa letlole la MVA Fund kwa Palapye Rre Mmoloki Dikago, a re ke go ruta, go gakolola le go tsibosa badirisi ka ditlamelo tsa bone. Rre Dikago a re ba tsile go buisanya ka dikgwetlho tse ba kopanang natso fa ba thusa ba dirisi ba ditlamelo gammogo le go utlwa maikutlo a badirisi ba ditirelo tsa bone le ba-na-le seabe ka kakaretso. A re maikaelelo ke go aga botsalano le ba-tsaya karolo botlhe ba ba dirang le bone go bona gore ba ka dira dilo botoka jang.

Fa a leboga, mothusa molaodi wa kgaolo ya Palapye yo gape a leng modulasetilo wa komiti ya ipabalelo tseleng ya Palapye, Rre Tshepho Mogojwe, o ne a leboga ba MVA FUND go bo ba tsisitse ditirelo kwa bathong. Rre Mogojwe a re bokopano jwa mofuta o, bo botlhokwa ka jaana bo thusa ba-na-le seabe ka kakaretso go sekaseka gore a ba itumelela ditirelo.

O kopile batsadi go bua boammaaruri le go sala melao morago ka gore go tlhoka go bolelela modiri ope nnete ke molato. Rre Mogojwe o kopile batlhokomedi ba bana go tshwara bana sentle, a tlhalosa gore tshokolo ya bana e dira gore ba seka ba gola sentle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Palapye

Event : Thuto puisanyo

Date : 14 May 2025