Lelwapa ke pinagare ya setshaba
13 May 2025
Lelwapa ke pinagare ya setshaba ka jalo go botlhoka go aga malwapa a motia a a phophomang ka lerato, tlotlo, tshwaragano, tshireletso le kgodiso ya bana e e lolameng.
Kgodiso ya botsadi jotlhe konokono mo go godiseng bana ba ba eletsegang. Mogolwane wa lephata la boipeleogo mo khanseleng ya bokone bophirima, Mme Iteleleng Motsumi o buile se kwa Sehithwa bosheng mo moletlong wa go rurifatsa manyalo a baratani ba le boferabobedi.
Moletlo o, o ne o rotloetswa ke komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Sehithwa ba itshwaragantse le lekgotla la Re-A Nyalana le le rotloetsang kago ya malwapa a motia lefatshe ka bophara. Lekgotla leo le thusa baratani go nyalana le go tlhomamisa gore bana ba bone ba golela mo malwapeng a a nonofileng, le go somarela matlotlo le boswa jwa bana gore fa mongwe wa batsadi a ka hulara, bana ba seka ba iphitlhela ba le mo legoeleleng.
Mme Motsumi o ne a iteela banyalani bao legofi, a re ba supile fa ba ikiteile sehuba go aga malwapa, a re seo se supa fa Batswana ba lemoga botlhokwa jwa malwapa jaaka lephata la gagwe le ba Re-A-Nyalana ba rotloetsa.
O gwetlhile banyalani go tlotlana le go neelana lerato, a supa fa lenyalo ele seriti e bile le gokaganya ba malwapa a ba ba nyalanang. A tlhomamisetsa banyalani fa lenyalo la bone le tshwana fela le manyalo a mangwe ka jaana ba fiwa setlankana sa lenyalo.
“Mo manyalong otlhe a a rulagantsweng ke Re-A-Nyalana, ke itumelela gore ga re ise re bone gotwe banyalani ba teng ba kgaogane kgotsa go na le dikgang tsa kgokgontsho mo malwapeng. Se se raya gore dithuto tsa ba Re-A-Nyalana tse di neelwang baratani pele ga lenyalo di mosola.”
Mme Motsumi a re lefatshe le aparetswe ke seru sa kgokgontso ya bong e a reng ga e laolesege ka jaana dipalo tsa yone di tsitsibanya mmele a supa sekai ka tiriso botlhaswa ya bana. A re ntswa puso e dira maiteko go lwantsha seo, e ka se kgone e le nosi mme a kopa Batswana go emela dikgang tseo ka dinao.
“Motswana o buile a re kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaragaenlwa,” a tlatsa ka go gwetlha morafe go tshwaragana le makalana a a ikemetseng go lwantsha kgokgontsho.
O rotloeditse ba ba nnang mmogo ba ise ba nyalane gore ba inaakanye le lenaneo la Re-A-Nyalana a re ga le kgapele ope kwa ntle. A re ke keletso ya puso go bona bana ba golela mo malwapeng a a kitlanyeng, ka fa tlase ga kgodiso ya ga mme le ntate.
Modulasetilo ya komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Maletelo Molatlhiwa mo potsolotsong o supile fa ba ne ba ikgolaganya le ba lekgotla le morago ga gore ngwana mongwe wa Sehithwa a itsise komiti fa a eletsa batsadi ba gagwe go nyadisiwa ka fa molaong ka jaana ba na le dingwaga ba le mmogo.
A re ba gwetlhega go akaretse mogopolo oo mo lenaneng la bone la ditlhabololo tsa motse ka jalo ba ikgolaganya le ba ofisi ya boipelego le ya ga molaodi go ba tswa maoto kwa lekgotleng la Re-A-Nyalana, ka lesego kopo ya bone ya atlega. A re ba ne ba gakololwa go kwadisa baratani botlhe ba ba eletsang go nyalana ka lenaneo leo mme bontsi jwa supa kgatlhego ka jaana malwapa a le masome a mararo le bobedi a ne a ikwadisa.
Mme Molatlhiwa a re ka nako ya fa ba ya go pega manyalo, dipalo di ne tsa wela tlase ka jaana bontsi bo ne bo supa fa bona le ditshwarego ke ka moo ba kgoneng go nyadisa malwapa a le boferabobedi fela. O tlhalositse fa maikaelelo e le go thusa ba ba nang le kgatlhego ya go nyalana ka fa molaong mo Sehithwa le metse e e mabapi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Sehithwa
Event : Moletlo
Date : 13 May 2025







