Ba kgomokasitwa ba itepatepanya le diemo
13 May 2025
Banni ba Kgomokasitwa ba tsere tshwetso ya go ema ka dinao go baakanya motse wa bone morago ga dikgang tsa dipolao tsa batho bosheng.
Ba tsere tshwetso kwa phuthegong ya kgotla bosheng e e neng e biditswe ke ba lekgotla la baruti, marara a motse oo le maphata a puso ka go farologana a akaretsa mapodisi, boipelego, lephata la thuto le la Botsogo.
Dikgang tse di neng di buisanngwa le banni di ne di akaretsa tsa dipolaano, kgokgontsho ya bong, tiriso botlhaswa ya dino le ditagi, ditshwanelo tsa bana le go tlhoka tsebe ga bana, le ka tsamaiso le thulaganyo ya merero ya Setswana.
Mo phuthegong e e neng e tshwerwe mo setlhogong sa: Tshwaragano go lwantsha mathata a motse, Kgosi Tshetlhe Radimpa wa Kgomokasitwa a re motse oo ke makgatlhanela thapong ka jalo go botlhokwa go boela kwa marakanelong a ditsela go baakanya seemo mo motseng oo.
A re lerato ke konokono ka jalo le tshwanetse la somarelwa mme baratani ba tshwanetse ba tlhokomelana, go fokotsa go nna matlhomatlho go itsa diphapang mo malwapeng tse di felelang di baka kgokgontsho, dipolaano le ditlhalo.
Kgosi Radimpa a re motse o thata ka beng, ke ka moo banni ba tshwanetseng go ema ka dinao go baakanya dilo, le go bopa ditlhopha go lwantsha borukutlhi mo motseng oo. O ne a gakolola banni go emisa go bipa mpa ka mabele ka go fitlha dirukutlhi mo malwapeng a bone, ka seo se itsa gore ba isiwe fa pele ga lekgotla gore ba arabele melato ya bone mme seo se dira gore borukutlhi bo jwelele.
Sergeant Charles Ntema wa Woodhall Police a supa gore e le ba sepodisi ba tshwentswe ke dikgang tsa kgokgontsho ya bong le dipolaano tse di golelang pele. Sergeant Ntema a supa gore e le ba sepodisi fa go nna le seemo se se ngomolang pelo, ba a tlhodumela go utlwa gore matsapa di a tsaya kae ke ka moo ba etetseng kwa Kgomokasitwa go tswa ka ditharabololo tsa gore go ka baakanngwa seemo seo jang.
Detective Sergeant Mpho Motshegwe o ne a re ba tshwentswe ke gore baboni ba ditiragalo ba maoto a tshupa go ipega go fa bosupi. A re dikgang dingwe di felela di pala kwa makgotla tshekelong ka mabaka a tlhaelo ya bosupi mme dirukutlhi di felele di tshwamola di tsamaya mo mebileng fela ka mabaka a kopa gore seo se baakanngwe.
Mogokgo wa sekole se se botlana sa Kgomokasitwa Mme Agisang Keitaile a re ba tshwaragane le bothata ka batsadi bangwe ba santse ba sena tlhokomelo mo baneng mme ba tlogelela barutabana go dira tiro ya bone.
A re e le barutabana ba nna le bana nako e ntsi fa tlhokomelo ya batsadi e saletse kwa morago seo se baka phatlha mo kgodisong ya bana mme se itshupe ka boitsholo jo bo fapogileng fa ngwana a ntse a gola. A gakolola batsadi go fa bana lerato, ba ba sisela, le go ba tlamela ka tse di tshwanetseng.
Mmaboipelego wa khansele ya Moshupa Mme Tumelo Israel a re molao wa bana o teng ka jalo batsadi ba tshwanetse ba ela seo tlhoko go godisa bana ka kelelelo. Mme Israel a re ba itemogela dikgokgontsho tse di farologaneng, ya maikutlo, ya go kgokgontsha mabapi le itsholelelo, ya tlhakanelo dikobo a supa jalo gore le mo lenyalong kgokgontsho e teng, le gone gore borre ba a thubediwa mme ga ba bolele dikgang ka mabaka a gore ngwao e ba gateletse.
A re bangwe ba patika balekane ba bone go robalana ba sa dirise sekausu, bangwe ba boulelwa fa ba dirisa maranyane a re kgokgontsho e e tshwanetse ya emisiwa. Mme Israel a re ngwao le yone e na le seabe ka bomme ba gatelelwa ke borre mo dingwaong dingwe. A re kgokgontsho e borai ka e ka baka dipolaano, malwetse a tlhaloganyo, le go kgobera kagiso mo malwapeng le mo lefatsheng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Kgomokasitwa
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 May 2025







