Ba le bane ba tshwerwe ka melato ya bogodu
13 May 2025
Mapodisi a Gumare a tshwere borre ba le bane mabapi le melato e le mene ya go thuba matlo le marekisetso a dino, go utswa dithoto tse di lopileng P15 865.
Bone jo bo tshwerwe Motsheganong a tlhola bobedi go ya kwa go bone, fa melato e diragetse magareng ga kgwedi ya Ngwanaatsele ngwaga o o fetileng le kgwedi ya Tlhakole monongwaga. Se se builwe ke motshwarelela mookamela sepodisi sa Gumare, Assistant Superintendent Jerry Sabata mo potsolotsong ka Labone.
O tlhalositse fa ba sepodisi ba kgonne go bona dithoto tsotlhe tse di neng di utswilwe tse di akaretsang dilwana tsa matlo, dibalamakgolo, diaparo, dikobo, diletso, bojalwa le tse dingwe mo matlong a a neng a thubilwe a le mararo le marekisetso a dino.
Borre ba ba tshwerweng ke wa dingwaga tse di masome a mararo le bone, wa dingwaga tse di lesome le boferabongwe le basimane ba babedi ba dingwaga tse di lesome le bosupa ka jalo dikgetsi tsa bobedi joo tsone di filwe ba ofisi ya boipelego ka ba le kwa tlase ga dingwaga go ka sekisiwa.
A re borre ba babedi ba setse ba itshupile fa pele ga lekgotla ba santse ba tshegeditswe. Rre Sabata a re tsholofelo ke go bona tlharabololo ya dikgetsi tse, tse di tshwenyang. A re ba sepodisi ba santse ba tlhotlhomisa go bona gore a babelaelwa ba na le bangwe ba ba dirang borukhutlhi le bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Gumare
Event : Potsolotso
Date : 13 May 2025







