Breaking News

Tlhaloganyo e e itekanetseng e botlhokwa

12 May 2025

Mohumagadi wa Bangwaketse Masetsebi Gaseitsewe a re segopotso sa botsogo jwa tlhaloganyo ya motho wa mme ke selo se se botlhokwa, e seng fela mo go mme le losea la gagwe, mme gape le mo go ba lelwapa la gagwe, baagisanyi le lefatshe ka kakaretso.

Mohumagadi Masetsebi o buile  se kwa moletlong wa ipelelo letsatsi la mafatshe la botsogo jwa tlhaloganyo ya bomme ba ba itsholofetseng kwa Kanye bosheng. Setlhogo sa moletlo o, se ne se re Motsamao: Go emela botsogo jwa gago jwa tlhaloganyo, Lentswe la gago, Nonofo ya gago.

A re go ipelela letsatsi le go botlhokwa ka e le karolo e e botlhokwa ya loeto la botshelo jwa ga Mme, eleng boitekanelo ja tlhaloganyo ya gagwe pele ga pelegi, ka nako ya pelegi le morago ga pelegi. A re ngwaga ono, go remeletswe mo go direng le go supa go emela botsogo jwa mebele le mantswe go ya kwa phetogong.

A re ntswa mme a tshwara thipa ka fa bogaleng, mme ga a tshwanela go rwala mokgweleo a le esi. O tlhalositse fa dikgwetlho tsa botsogo jwa tlhaloganyo ka nako ya fa mme a itsholofetse di le teng ebile di le boima.

A re ntswa nako ya boimana e tshwanetse go nna ya boitumelo, bomme ka bontsi ba tletse tshokolo ka ntlha ya tidimalo ya bone, go tshaba, go tlhobaela, ketsaetsego ya maikutlo le kgokgontsho. Mohumagadi Masetsebi a re go lemoga letsatsi le go tla go nonotsha botsogo jwa mmele ka itshidilo mmele ya bomme ba ba itsholofetseng le botlhe.

A re gape e ne ele go tla go neela bomme bao sebaka se se sireletsegileng go kgaogana maitemogelo a bone le gone go reediwa. A re gape ke go ba rotloetsa mo ntweng kgatlhanong le malwetse a a sa tshelanweng ka go ba fa thotloetso ya itshidilo mmele gammogo le go tsibosa ka tlhwaafalo fa botsogo jwa tlhaloganyo e le selo sa botlhokwa.

Mohumagadi Masetsebi a re mantswe a tlhatlosediwang go gowa kgatlhanong le botsogo jwa tlhaloganyo, e nne selo modiro kgatlhanong le mmaba wa kgokgontsho ya bomme le bana. A re kgokgontsho ya bong e gobatsa tlhaloganyo, mmele le moya le go utswa kagiso ya bomme ba ba itsholofetseng gammogo le go tsenya masea a a iseng a belegwe mo diphatseng.

A re o motlotlo ka Tautona Advocate Duma Boko a ntshitse lenaneo la kemonokeng ya bomme ba ba itsholofetseng go ba thusa ka P300 kgwedi le kgwedi go tswa ka nako ya pelegi go fitlha sebaka sa ngwaga, ka go tlaa thusa mo kgodisong ya bone.

Mohumagadi Masetsebi a re ditirelo tsa tshidilo maikutlo di teng kwa dikokelong, le gore ba lephata la botsogo ba ne ba tshwere ipelelo letsatsi la botsogo ka moono o o reng; Ditshimologo tse dinonofileng, Tsholofelo ya isago, mme a supa fa tiro e e ne e gatelela botlhokwa jwa botsogo jwa bomme le jwa masea, selo se a gateletseng fa e le konokono ya ipelelo letsatsi la botsogo ja tlhaloganyo ya ga Mme.

O kopile basha ba ba itsholofetseng go fitlhelela makalana a a ikemetseng ka nosi jaaka Keitsholofetse, ba boipelego le lekalana la Bong la Tshireletsego ya Bana le le bonwang kwa sepodiseng. A re badiredi ba ba rutetswe go tshwara dikgang tse di masisi ka jalo ba tshephe go ka bua le bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Kanye

Event : Moletlo

Date : 12 May 2025