Breaking News

Go bipa dikgang ke molato

12 May 2025

Batsadi ba Gungwe ba gakolotswe go emisa mokgwa  wa go bipa dikgang tsa tlhakanelo dikobo le  bana ba dingwaga tse di kwa tlase ka seo e le molato. 

Batsadi ba ba ba dirang jalo ba na le seabe mo go goleng ga dikgetse tse kwa Gungwe. Seo se senogile mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Justin Hunyepa kwa motseng oo bosheng, jaaka banni ba ne ba supa fa ba tshwenngwa ke go ntsifala ga ditiragalo tseo.

Sub-Inspector Omphile Nakedi wa sepodisi sa Botswana a re go ngomola pelo go bona batsadi bangwe ba itlhophela go amogela pipa molomo go tswa mo babelaelweng go bipa dikgang. A re batsadi ba go nna jalo ga ba tlhaloganye gore go dira jalo ke molato o ba ka tseelwang dikgato tse di maleba, ka puso e tsaya tsia fela thata dikgang tse di amang tshireletsego ya bana. Sub Inspector Nakedi o ne a kopa gore dikgang tse di begiwe gore badiramolato ba tseelwe dikgato.

Mabapi le borukutlhi, jo bo kekelang mo motseng, Sub-Inspector Nakedi o lebogetse tshwaragano ya bone le banni ba Gungwe mo maitekong a go leka go bo lwantsha. A re cluster ya Gungwe, Gambule le Mbalambi e filwe koloi bosheng, selo  se se tlaa nolofatsang tiro ya bone. 

Kgosi Bafi Buka wa Gungwe a re ba tlhorontshiwa ke ditlou, tse di pateletsang balemi go roba mabele a ise a butswe, go tila tshenyo. A kuela seemo sa ditsela tse di lomaganyang motse wa bone le e mengwe, ya Zwenshambe/Kalakamati le ya Gungwe/Masunga  a re di tlhoka go tsibogelwa ka di sa jese diwelang. A re ofisi ya kgotla e mo seemong se se sa nnang sentle e ranyegile e bile e na ka nako tsa pula, gape e tlhoka di dirisisiwa.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya motse oo, Mme Mpho Zimundu o kopile gore ba agelwe ntlwana ya borutelo jwa bananyana kwa sekolong se se botlana, a re go ka thusa gore se tshegetse serodumo sa sone sa go ntsha maduo a a nametsang. A kopa go agelwa mantlwana a boiteketso a a dirisang metsi kwa kokelwaneng ya motse.

Mo phuthegong ya ga Rre Hunyepa kwa Zwenshambe, banni ba ne ba lela ka borukutlhi, ba supa fa ba sa le ba solofediwa satellite police, mme le jaana ba letile. Kgosi Moses Mabutho wa Zwenshambe o kopile gore sekole sa ithutelo ditiro tsa diatla sa Zwenshambe se tsholediwe maemo gore se nonofele go ruta dithuto tsa maemo a magolwane.

A re ba ntse ba letile kgodiso ya kokelwana ya bone jaaka ba ne ba solofeditswe. Kgosi Mabutho a supa tlhobaelo ka maduo a a sa nametseng kwa dikoleng tsa bone, le ka tshenyo ya dithoto tsa dikole, e a boletseng gantsi baithuti ba na le seabe mo go yone.

Banni ba Gungwe le Zweshambe ba kopile gore ba okelediwe palo ya badiri ba ipelegeng, ba bo ba kopa gore puso e sekaseke dikatso tsa maloko a VDC gore di tsamaelane le bokete jwa boikarabelo jo ba bo dirang mo metseng.

Bangwe ba ne ba tswa ka mogopolo wa gore dikomiti tse dingwe tse di mo metseng le tsone di atswiwe go di tiisa moko. Monni wa Zwenshambe, Rre Kenalemang Masole a re kgaolo ya Bokone Botlhaba e tlhoka  setima molelo, eseng go ikaega ka Tutume le Francistown. 

Rre Hunyepa, o ne a ba lekodisa ka tsa palamente e e fetileng, a tshepisa banni fa a tlaa isa matshwenyego mangwe a bone kwa go maleba, a supa fa a mangwe a tlaa kgaratlha ka gotlhe go leka gore a akarediwe mo lenaneong la ditogamaano la NDP12.

O gakolotse banni go beela kwa thoko sepolotiki mme ba gatele pele ba le seopo sengwe go direla lefatshe leno le tshaba ya lone, a tlatsa ka gore puso e ikemiseditse go tlotla ditshwanelo tsa batho mme e bile e rotloetsa gore Motswana mongwe le mongwe a akole meamuso ya lefatshe leno. A re puso ga e a tlhanogela ditsholofetso tsa yone. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Gungwe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 May 2025