Breaking News

Bomme le bagodi ba tlhoka lorato le tlotlo

12 May 2025

Bomme le bagodi ba tshwanetse go lemogiwa ka go fiwa lorato le tlotlo ka ba dira ditiro tse dintsi tsa botlhokwa.

Go dira jalo go molemo ka go thusa  gore maikutlo a seka a ya kwa tlase, kana ba nna le boitlhobogo. Moruti Betrice Dziekpor wa kereke ya Christian Englightning Church o buile jalo kwa Lobatse ka Labotlhano kwa moletlong o a neng a o rulagantse go ipelela letsatsi la bomme. 

A re e le bomme ba thapelo go tswa kwa dikerekeng tse di farologaneng ba ikopantse go dira moletlo e le thomo ya Modimo e a nnileng le yone ngwaga oo fitileng. A re letsatsi le, le akareditse bagodi ka  ba nna nako e telele ba le nosi, ba kgathologilwe.

A re ga gona mme ope yo o tshwanetseng go nna le seelo sa gore o dira eng o felela fa kae, mme o tshwanetse go dira tsotlhe tse a kgonang go di dira, mme e bile a dumela mo go ene gore o tlaa kgona.

Moruti Dziekpor o boletse gape gore ke nako ya gore ba kopane le ba bangwe, ka bontsi jwa sebaka bangwe ba tswa mo malwapeng fela ba ya bo-okelong kana kerekeng, mme a re bangwe ga ba nke ba ya gope, a tlatsa ka gore bagodi ba tlhoka go itumela. 

Mo go tse dingwe Moruti Dziekpor le bomme ba thapelo ba ne ba abela bomme dihutshe, morago ga jewa kuku le dimonamone. Mongwe wa bagodi Mme Esther Montsho o ne a supa fa a tletse boitumelo a re Moruti Dziekpor o dirile namane e tona ya tiro go ba ntsha mo malwapeng go ba lemoga a re seo se ba dira motlotlo thata ka go supa lerato. Mme Montsho a re fa a sa le a tlogela tiro ka bogodi ka 1999 ga a itse setlhabi mo mmeleng wa gagwe kana go lwala, a bolela gore ke ka pabalelo ya Modimo.

Kgosi Tebogo Kemoabe wa kgotla ya Peleng kwa Lobatse o boletse fa moletlo oo,  o le botlhokwa e bile o tlisa boitumelo mo go bomme, a bolela gore bagodi ba tlhwaafalela batho, ka jalo a kopa gore nako e e tlang go seka ga dirwa nako e khutshwane ya moletlo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Lobatse

Event : Moletlo

Date : 12 May 2025