Bomme ke motheo wa malapa-Tona
11 May 2025
Batsadi ba motse wa Kgomodiatshaba ba rotloeditswe go nna botsalano le kaedi mo baneng ba bone.
Kgakololo eo, e ntshitswe ke Tona wa lephata la Banana le Bong, Mme Lesego Chombo ka Labone. A re go botlhokwa go ruta bana boikarabelo le go lemoga botlhokwa jwa go itirela.
Tona Chombo a re leeto la gagwe le akaretsa go tla go buisana le barweetsana le go keteka le bone letsatsi la mafatshefatshe la bomme. O kgothaditse barweetsana go godisa bana ka lorato le go ba sireletsa.
A re go botlhokwa go bua le bomme ka dikgang tsa tlhokomelo ya bana le go ba rotloetsa go ba godisa ka lorato le go ba fa kaedi go nna le isago e botoka.
“Bomme ba ralala dikgwetlho tse dintsi mo botshelong, le fa go ntse jalo ba tsweletse ka boikarabelo jwa go godisa le go sireletsa bana. Ke tsaya nako e go leboga bomme jaaka re ipelela letsatsi la mafatshefatshe la bomme,” ga tlhalosa Tona Chombo. A re bomme ke bone motheo wa malapa.
Fa a itebaganya le dikgang tsa tlhokomelo ya bana, Tona Chombo a re pele a gapa korone ya Mma Botswana, o ne a simolodisa lenaneo la Genesis, a sena go itemogela gore bana bangwe ba godile ba sena lorato le thotloetso ya batsadi.
A re go botlhokwa go rotloetsa ngwana go ithuta dilo tse di farologanyeng mme ba sa lebale dithuto tsa sekole le go rongwa mo malapeng. “Godisetsang bana mo tikologong e e ba rotloetsang go ithuta dilo ka bontsi tse di ka ba thusang mo isagong.”
Mme Chombo a re batsadi ba tshwanetse go nna le botsalano le bana. “Keletso ya lenaneo la Genesis ke gore bana ba godisiwe sentle, mo tikologong e e sireletsegileng, ba itse batsadi ba bone, ba sa angwe ke kgokgontsho.”
O tlhalositse gore le fa motsadi a sa rutega o na le bokgoni jwa go rotloetsa ngwana go tsena sekole. “Dirisang bonnyennyane jwa kitso le tsotlhe tse le nang le tsone go sireletsa bana, ba rotloetseng go tsena dikole.”
Mme Chombo a re lephata la gagwe le lemoga dikgwetlho tsa banana, segolo bogolo letlhoko la ditiro, mme go lebega e le lone motswedi wa tse dingwe tse di sa siamang jaaka dikgang tsa kgokgontsho, go tlola molao, tlhakanelo dikobo ya bana ba le bannye le gone e sa sireletsega, go gweba ka mmele le go tshola ka dingwaga tsa bonana.
A re sengwe se se tshwenyang ke kgokgontsho ya bana le bomme, mme tse tsotlhe modi wa tsone e le letlhoko e seng la madi fela, go akarediwa le gone go tlhoka thuto. Mme Chombo a re mo mabakeng mangwe batsadi ba tlhaela kitso ya go godisa bana gore ba kgone go fapoga dikgwetlho tsa botshelo.
O tlhalositse gore puso e dira mananeo a go tsibogela kgokgontsho ya botlhe. Le fa go ntse jalo, a re dipalo di supa fa dikgang tsa kgokgontsho di ama thata bomme.
Mme Chombo a re go tlhaela thuto le lehuma ke dingwe tsa tse di dirang gore bomme ba aramele kgakgamosi ya kgokgontsho.
A re go a makatsa go lemoga gore kgokgontsho e dirwa kgotsa e diragala thata fa gare ga batho ba ba reng ba a ratana. “Ke tshwenngwa ke gore lorato la rona le a bolaya.”
Mme Chombo a re go nna le setho se se eletsegang ke one motheo wa gore batho ba tshele ka ledula ba ratana. A re bana ba basimane ba kgokgontshiwa thata go gaisa bana ba basetsana. “Ke sone se e reng ba gola ba fetoge bakgokgontshi.” A re dipatlisiso di supa gore bana ba basimane ga ba a tsoga. Tona Chombo a re ka Setswana ngwana wa mosetsana ke galase o a thubega mme wa mosimane ene le monna tia ga a lele, ga a ngongorege.
Ka jalo a re ngwana wa mosimane o kgokgontshiwa ka dipuo, titeo le go berekisiwa, ba rwesiwa mekgweleo e e fetileng dingwaga tsa bone le gone go gola ba bona bomme ba kgokgontshiwa.
Mme Chombo a re bangwe ba basimane ba gola ka kutlobotlhoko ya gore ga ba itse borraabone. A re go botlhokwa gore ngwana a godisiwe ke batsadi boo babedi.
O supile gore sengwe se se tshwenyang ke gore kgokgontsho e dirwa ka ditsela tse di setlhogo tse di supang tshakgalo e e kwa godimo, mme go bakwa ke maikutlo a a fuduegileng.
“Re batla gore bana ba rutuntshiwe go dira dilo tse di molemo ba sale bannye go akarediwa go itirela ka diatla le bogwebi,” Tona Chombo tlhalosa, a tlatsa ka go re go botlhokwa gore thuto ya bana e lebagane le letlhoko la lefatshe le gone gore ba kgone go bona ditiro.
O tlhalositse gore lephata la gagwe le tshwaraganye le makalana a mangwe a puso go loga maano a go tlhamela banana ditiro. A re go botlhokwa go ntsha dikgoreletsi tse di itsang banana go akola mananeo a puso a gore ba itirele dikgwebo le gone go bona lefatshe la bonno le la dikgwebo.
Mme Chombo a re le fa puso e dira maiteko a go tlhofofaletsa banana ditsela tsa go itshetsa, sengwe sa tse di tshwenyang ke go bona ba aparetswe ke mekgwa e e dirang gore ba seka ba tswelela pele.
A re go itontela nnotagi le ditagi ke mongwe wa mekgwa e e tshwenyang.
Mme Chombo a re sengwe se se dirwang ka tshwaragano le ba Lephata la Botsogo ke go simolodisa makalana a a sidilang banana maikutlo go ba thusa go tswa mo ditaging le go ba ruta methale ya itshetso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Kgomodiatshaba
Event : Letsatsi la bomme
Date : 11 May 2025







