Breaking News

Khansele e baakanya matlhabelo

08 May 2025

Khansele ya toropo ya Jwaneng e solofeditse fa e ikaelela go baakanya matlhabelo gore a tswelele a dirisiwa, morago ga gore a tswalwe ngwaga o o fetileng.

Mothusa mokwaledi wa khansele Rre Ivan Makati o tlhaloseditse morafe kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo Rre Omphemetse Kwapa ka Mosupologo gore matlhabelo ao a ne a tswalwa ka jaana dikago di le dikgologolo e bile bophepa jwa one bo ne bo sa tsamaisanye le melawana e e beilweng.

A re khansele e ne ya tsaya tshwetso ya go a tswala ka jaana go ne go sena madi a go a baakanya. Le fa go ntse jalo, Rre Makati a re e re ntswa ditshekatsheko di supile fa matlhabelo ao a tlhoka P7.4 million go a baakanya mo go tseneletseng, khansele e itlamile gore e dire dipaakanyo tsa P1.4M tse di lekaneng go a baya mo seemong sa go dirisiwa.

Mo dikgannyeng tse dingwe, o ne a tlhalosa fa puso e le mo lenaneong la go tokafatsa dikago tsa Mpule Kwelagobe Children’s Centre gore e nne lefelo le le thusang batho ba ba amilweng ke ditagi le nnotagi. A re mogopolo oo, o tsile morago ga go lemoga fa dikgang tsa mofuta oo di golela pele, bogolo jang mo toropong ya Jwaneng.

O boletse fa mealo ya dikago tseo e sa tsamaelane le gore di ka dirisiwa ele boroko jwa badirelapuso. Mongwe wa batsena phuthego, Mme Rosemary Ntenege o ne a kopile gore puso e tsibogele dikago tsa Mpule Kwelagobe tse a neng a supa fa di setse di le matlotla. O ne a ntsha mogopolo wa gore matlo ao a ka neelwa badirelapuso ba ba aparetsweng ke seemo se se maswe sa letlhoko la boroko.

Mo go tse dingwe, Rre Makati o ne a amogela matshwenyego a gore dikatso tsa maloko a dikomiti tsa motse di duelwa morago ga nako, mme a re se se bakwa ke gore dipampiri tsa bone di tla thari ka jaana ba santse ba le basha mo dikomiting.

 O ne a tlhalosa fa seemo seo se tlaa boela mo taolong fa ba sena go kwadisiwa mo go lolameng mo maranyaneng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : kehumile Moekejo

Location : Jwaneng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 08 May 2025