Breaking News

Dikole tsa Tati East di tla shafadiwa

08 May 2025

Mopalamente wa Tati East, Rre Tlhabologo Furniture a re dikole tse dikgolwane tsa Matsiloje, Tashatha, Shanganani le Thamani  di tlhoka go baakanngwa mo ngwageng ono wa madi.

E rile a buisa diphuthego tsa Kgotla mo metseng ya Mabudzane, Jackalas Number 2 le Siviya ka Labobedi, Rre Furniture a re mo loetong la gagwe mo dikoleng tseo, o ne a itemogela fa di tlhoka dipaakanyo tse di tseneletseng.

O tlhalositse fa kwa sekoleng sa Tashatha go tlaa dirwa dipaakanyo, fa kwa Shanganani go atoloswa dikago tsa sekole seo, tiro e e solofetsweng go wediwa monongwaga.

Mo go tse dingwe, Rre Furniture o ne a tlhalosa fa puso e tsere tshwetso ya go busetsa ditirelo tsa botsogo go tswa mo Lephateng la Botsogo goya kwa dikhanseleng morago ga go fudusiwa ka ngwaga wa 2011.

“Se sene sa re bakela bothata ka gone ga lemosega gore ditirelo di nna bonya go goroga kwa bathong,”  ga tlhalosa Rre Furniture.

A re go busetsa ditirelo tsa botsogo kwa dikhanseleng go maleba ka jaana go tlisa ditlamelo gaufi le batho.

Rre Furniture o ne a lebogela puso ka go tsaya tshwetso ya go tlhatlosa dikole tsa ithutelo tiro ya diatla tsa Brigade go nna di Vocational Training Center le go oketsa madi a bone a itshetso gotswa mo go dipula tse di makgolo a mararo go ya kwa go tse di sekete le makgolo a roba bongwe.

O ne gape a leboga puso go bo e kgonne go oketsa madi a bagodi go nna dipula tse di sekete le makgolo a mane, a re se se ka rotloetsa gape sa dira gore bagodi ba ithaope go sutela banana mo Ipelegeng le mororo go sena molao o o ba tlamang go dira jalo.

Mo go tsa tlhabololo ya kgaolo, mopalamente o ne a re o ikaelela go ka tsaya bontlha bongwe ja madi a a abelwang kgaolo go ba rekela katakata e e gopang ditsela tse mo nakong eno dileng mo seemong se se maswe.

Mopalamente o ne gape a tlhalosa fa a tsere tshwetso ya go rekela dikole tse bana ba nnang mo go tsone materase a le makgolo a matlhano le masome a mane.

E rile banni ba mokgwa dikgaba, Rre Morris Butale a kopa gore dikole tse dipotlana di tswalwe fa go tsena mariga ka bana ba tshabelelwa ke serame le malwetse a tshwana kgotlholo le mohikela.

O ne gape a kopa gore ditlhwatlhwa tsa dithoto kwa marekisetsong di sekasekiwa ka di tlhatlositswe fa bagodi ba sena go okelediwa madi a bogodi.

Rre Godfrey Thomola ene o ne a ngongorega ka badirela puso gore ba na le go fa dikarabo tse di solofetsang mo diphuthegong tsa kgotla mme ba bo ba sa diragetse ditsholofetso tseo.

Mme Glenda Letshwenya o ne a supa ngongorego ya gore bana ba sekole se segolwane sa Masunga ba tlhapa ka metsi a a tsididi le mo seemong se se sa iketlang sa loapi sa mariga.

Rre Meluse Hlabano o supile ngongorego ya gore motho yo o thapilweng go isa bana ba sekolo ka koloi, o fetogetse seo mme o dirisa kolotsana ya ditonki a tlatsa ka gore se, se borai ka gore fa go ka nna le kotsi batsadi ga bana go bona dithuso dipe ka kolotsana eo e sa sirelediwa.

E ne ya re fa a amogela baeng, Kgosi Luis Siviya wa motse wa Siviya a tlhalosa fa go sena terata ya molelwane e e kgaoganyang lefatshe leno le la Zimbabwe mme dikgomo di tlola go rata le go kgona ka jalo bolwetse jwa tlhako le molomo bo ka nna jwa boela gape mo kgaolong.

Kgosi Siviya o ne a kopa gore go dirwe kgoro ya mosepele go bapa le motse wa gagwe go ba tlhofofaletsa go ya go tlhola ba masika ko lefatsheng la Zimbabwe. A re ba tsamaya sekgele sa dikhilomithara dile lekgolo go latela kgoro ya mosepele gona le tse supa fa goka dirwa kgoro go bapa le motse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goweditswe Kome

Location : Mabudzane

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 08 May 2025