BOKO O ROTLOETSA MAPODISE GO TLISA THITIBALO
08 May 2025
Mapodisi a kopilwe go tswelela a bereka ka natla go tlisa thitibalo gore itsholelo e kgone go gola le ntswa ba kopana le dikgwetlho tse di kgoreletsang tiro ya bone.
Tautona Advocate Duma Boko o buile jalo mo Gaborone ka Labobedi a bula semmuso bokopano jwa bo masome matlhano le bongwe jwa boeteledipele jwa sepodisi sa Botswana.
“Le fa go na le dikgwetlho tse le lepalepanang le tsone, le tlamega go lebagana le tsone go di rarabolola. Re galalediwa ke mafatshe ka thitibalo le pabalesego,” ga tlhalosa Tautona Boko.
A re le fa mafatshe mangwe a hupediwa ke go tlhoka ledula, lefatshe la Botswana le tsweletse go dira ka tsela e haphegileng go nosetsa kagiso le ledula leo.
“Seemo se, se ngoka bagwebi ba ba tswang kwa mafatsheng a mangwe go tla go tshwaragana le rona ba re thusa go godisa itsholelo,” ga tlhalosa Tautona Boko.
O tsweletse a supa gore lefatshe la Vietnam le eteletse pele ka seemo sa go ngoka babeeletsi le bagwebi ka go farologana, mme seo se dirwa ke seemo sa pabalesego le mokgwa o nametsang pelo wa go dirisana le ba ba tswang kwa ntle ga lone.
“Ba dira ka boineelo le lorato, ka jalo bajanala le baeti ba bangwe ba etela lefatshe leo kgapetsa-kgapetsa, mme seo se oketse metswedi ya go dira madi le go godisa itsholelo. Re eletsa go phadisanya le bone,” ga tlhalosa Tautona Boko.
A re go botlhokwa gore setshaba se tshwaragane le sepodisi go lwantsha borukuthi mme le fa go ntse jalo, sepodisi se tshwanetse sa tlhomamisa gore se nna le tshepo mo setshabeng gore ba kgone go thusa.
Tautona Boko a re seo se ka itshupa ka go tsibogela dikgang tse di tswang mo setshabeng le go lekodisa baikuedi ka seemo sa dikgang tsa bone le gone go rarabolola dikgang ka nako ba sa tsuolole ditshwanelo tsa ga ope.
Gape Tautona Boko a re go botlhokwa gore sepodisi se inaakanye le tiriso ya maranyane go tlhofofatsa le go fefosa ditirelo tsa bone mo setshabeng.
Tautona Boko a re go botlhokwa go tshwaraganelwa go bopa itsholelo e tla kgonang go tshidisa setshaba ka kakaretso le gone go thusa go tokafatsa seemo sa mabaka a pereko le dituelo tsa badirelapuso go akaretsa mapodisi.
“Ga re a itlhokomolosa matshwenyego a lona. Re santse re tsweletse ka go lwantsha mabaka a itsholelo, maikaelelo ke go tokafatsa seemo gore re kgone go sekegela dikeletso le dikopo tsa lona tsebe,” ga tlhalosa Tautona Boko.
Tautona Boko a re o tlhaloganya gore mapodisi ba dira tiro ya bone mo mabakeng a a thata ka bangwe ba kgona go gobadiwa kana ba lwantshiwa ke dirukuthi le gone go kopana le diemo tse di gogomosang maikutlo jaaka mo dikotsing ka go farologana.
Ka jalo a re go botlhokwa gore ba fiwe ditsompelo tse di lekanyeng go iphemela fa go tlama gore ba dire jalo, le gone gore ba ba amegileng maikutlo ba kgone go sidilwa maikutlo ke baitseanape ba tshidilo maikutlo.
A re sengwe se se tshwenyang ke gore bangwe babega dikgang le bangwe mo setshabeng ba tsweletse ka go etelela pele dikgang tse di tlhotlhomisiwang, ka jalo ba anamisa mo setshabeng dikgang tse di seng boammaruri.
Tautona Boko a re bangwe ba anamisa ditshwantsho tse di ka gogomosang maikutlo le gone go dira gore sepodisi se latlhegelwe ke tshepo mo setshabeng.
Ka jalo a re o kopa gore babega dikgang ba ithute go anamisa boammaruri jo ba bo fiwang ke mapodisi e seng go itirela tsa bone kana go gasa gasa magatwe a ka kgoreletsang ditlhotlhomiso le gone go timetsa setshaba.
Le fa go ntse jalo o akgotse mapodisi ka go tswelela ba dirisana sentle le babega dikgang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : GABORONE
Event : Police conference
Date : 08 May 2025







