Breaking News

Hunyepa o bula leobo la kgotla

07 May 2025

Puso e itse selelo sa dikgosi tsa tetlanyo tse di dirang tiro e ntsi mme di sa tsewe jaaka babereki ka jaana ba bereka ba sa amogele ba tsewa jaaka baithaopi fela.

E rile a bula leobo la kgotla ya Toteng bosheng, mothusa tona ya Thuto go tswa kwa Moding le Tlamelo ya Bana Rre Justin Hunyepa o tlhalositse fa dikgosi tsa tetlanyo di sena malatsi a boikhutso le fa ba lwala ba sa neelwe malatsi a go ikoka ba le kwa malapeng e bile ga ba na madi a bogodi le tsone dingwaga tsa go tlogela tiro ka bogodi  ga di a supiwa.

“Mo kgaolong ya Tati West, go na le metse e e ka tshwarang masome a mebedi le bosupa, mme motho o ka ipotsa gore e tsamaisiwa jang fa magosi a teng a sa berekisiwe sentle,” ga rialo Rre Hunyepa.

Rre Hunyepa o ba tsibositse gore ka jaana phuthego ya palamente ya mariga e tlaa bo e itebagantse le paakanyo ya melao, ba tshwanetse go tsaya karolo le go nna le seabe ka go ntsha megopolo ka ditemana tsa molao tse ba batlang di fetolwa.

O ba gakolotse go gwetlha paakanyo ya melao e ba bonang e ba beile ka fa mosing jaaka one o o itebagantseng le tsamaiso ya bogosi.

A re jaaka leobo le le bulwa semmuso, baagi ba Toteng ba tshwanetse go supa boitumelo, botshelo le gone go itumelela ngwao.

“Leobo ke seikokotlelo sa lona, e bile ke pilara ya setshaba, le supa seriti e bile ke kwa dipuisanyo, tshiamiso le dikgakololo di dirwang teng ka thokgamo le ka mowa o o wetseng,” ga rialo Rre Hunyepa.

O ne a tlatsa ka gore mo kgotleng, mongwe le mongwe o na le kgololesego ya go bua se a se akantseng, a tlatsa ka go re kgotla ya setso e botlhokwa ka ditsela tse dintsi.

A re kgotla e ka dirisiwa go boloka ngwao ka meopelo, melao ya setso le tlotlo ya dikgosi gape e ka tiisa thokgamo le tsamaiso e e tlhamaletseng mo motseng ka e le botshelo, pelo le mowa wa motse.

O ba rotloeditse go dirisa kgotla go aga tirisanyo mmogo ya motse le go aga botsala jo bo tseneletseng le puso kana dikgwebo tse di ikemetseng.

Rre Hunyepa o ne a tswelela a tlhalosa fa puso e ikemiseditse go tokafatsa le go tsosolosa serodumo sa bogosi ka mekgwa e mentsi.

“Mongwe wa mekgwa ya teng ke go sekaseka le go fetola molao wa bogosi go supa le go tlhalosa gore ditshwanelo le maikarabelo a bogosi gore ba seka ba tlogelwa kwa morago ka lefatshe le le dumela mo bogosing,” ga rialo Rre Hunyepa.

O ne a tlatsa ka go re mo metseng e le mentsi, dikgosi ga di na bathusi, ga di na ditsompelo, di dirisa dikoloi tsa tsone, madi a tsone, mme se, se tshwanetse go baakanngwa ke puso e kopane le morafe.

A re go matshwanedi go netefatsa fa dikgotla di nna le dikago tse di maleba ka go dirisa bontlha bongwe jwa madi a ditiro a ofisi ya ga mopalamente.

O tlhalositse fa go ya go sekasekwa gape le go fetisetsa bogosi mo baneng kana masika gore go seka ga nna le dintwa le dipharologanyo mo bogosing jaaka go diragala mo metseng e mengwe e e senang neelano le kapolelo bogosi e e tlhatswegileng.

E rile a amogela baeng, Kgosi Oliver Toteng a supa matshwenyego a gore e re ntswa motse wa gagwe e le wa bo masome mane le boraro mo kgaolong, kgotla ya one e ntse ga e na folaga mme ba sale ba thibelela foo ka 1912.

O ne gape a supa matshwenyego ka borukutlhi jo bo golelang pele mo motseng wa gagwe, a tlatsa ka go re tiriso botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi le yone ga e ba robatse.

A re thuso ya go lwantsha borukutlhi le tse dingwe ba e bona fela kwa Makaleng ka go sena ofisi ya sepodisi mo motseng.

Kgosi Toteng o ne a tlhalosa gape fa dikgosi tsa tetlanyo di rwele bokete.

Modulasetilo wa komiti e e neng e rulaganyetsa pulo ya leobo, Mme Kgakgamatso Toteng o tlhalositse fa leobo leo le agilwe ka P270 000 e le madi a ditlhabololo a ga mopalamente (CCP).

O tlhalositse fa morafe o ne wa thusa ka dikgomo, dipodi, dijo, madi le tsotlhe tse di neng di tlhokega gore tiro e kgone go tsamaya sentle. ENDS

Source : BOPA

Author : Goweditswe Kome

Location : Toteng

Event : Pulo leobo

Date : 07 May 2025