Breaking News

Batswana ba rotloediwa go ipela le go gweba ka ngwao

07 May 2025

Tona wa lephata la Dikgaolo le Merero ya Ngwao, Rre Ketlhalefile Motshegwa o lemogile maiteko a morulaganyi wa moletlo wa Letlhabula kwa Kanye, Mme Atlang Koosaletse wa Monakaladi Retreats ka Matlhatso kwa Dihalaneng tsa Thobo.

Tona a re go botlhokwa go lemoga tiro e, e mo go yone go neng go jewa tlhako, poko le pina go tla go kgadiepetsa megolokwane go ntse go tshamekwa metshameko ya setso, ka e godisa ngwao ka jaana maropeng go boelwa.

Tona Motshegwa, yo e bileng e le Mopalamente wa Mmadinare, a re go molemo gore Batswana ba gakologelwe ngwao, segolo jang ka matshelo a Setswana a na le ditsamaiso tsa Setswana tse di farologanyeng di tshwana le ya lenyalo le tse dingwe.

A re ka fa Batswana ba tshedileng ka teng go supa fa ba ne ba na le nonofo le botlhale jwa go dirisa dipaka tsa nako le mareo a tsone gammogo le go kaya nako ya letsatsi ka fa go neng go lepiwa ka teng go sena dibala nako le alemanaka ya segompieno.

Tona a re lephata la Dikgaolo le Merero ya Ngwao le neetswe boikarabelo jwa go bereka le dikgosi gammogo le dikgang tsa ngwao, mme e bile le ikaelela go bereka le dikgosi gore di nne le seabe mo tsamaisong ya merero ya lefatshe.

A re go dira jalo e tlaa bo e le tsela nngwe ya go bereka sentle le merafe le gone go e tlotla.

A re e re le ntswa mo sebakeng sa gompieno tsamaiso ya lefatshe e le mo maruding a sepolotiki, ke tshwanelo go lemoga seabe le boikarabelo jwa dikgosi pele ga tsamaiso ya sepolotiki, a tlatsa ka go re magosi ke bone ba neng ba eteletse merafe pele le gone go tsaya tshwetso ya go bopa Botswana, ka jalo ke bone ba itseng motheo wa lefatshe le.

Ka jalo, tona o supile gore puso ka lephata la Dikgaolo le Merero ya Ngwao e ya go ela tlhoko le go tokafatsa mabaka a pereko a dikgosi gore ba bereke ba itumetse.

Tona o kgothaditse gore merafe le metse yotlhe e tsee ka tlhoafalo dikgang tsa ngwao le mekete e ba nang le maikaelelo a go e dira. A re ba seka ba tsosolosa ngwao fela mme ba dire maiteko a go gweba ka yone.

O ne a rotloetsa merafe go bega kwa lephateng la Dikgaolo le Merero ya Ngwao meletlo e ba ikaelelang go e dira ya go tsosolosa ngwao gore lephata le nne le thulaganyo ya mekete ya ngwao.

O supile fa go dira jalo go tlaa thusa lephata go itse gore mekete ya go nna jalo e ka thusiwa jang, ka gore maikaelelo a lephata ke go tsosolosa le go rotloetsa ngwao gore e aname e tle e rutwe morole o o santseng o fatlhoga.

A re bokao jwa ngwao ka dipina, poko, kapari le dijo e ka nna tse go ka ipelafadiwang ka tsone. 

O gakolotse gore go tlhabologa go seka ga lebatsa Batswana ngwao le modi wa bone, a kaya ka merafe mengwe ya moseja jaaka ba ga Mmamosadinyana ba tlhalositseng fa ba santse ba tshegeditse ngwao ya bone ya bogosi le go bo tsamaisa. 

Tona o akgotse a ba a galaletsa le go eleletsa morulaganyi wa moletlo wa ipelelo letlhafula masego le matlhogonolo mo maikaelelong a gagwe a go tsosolosa ngwao mo ga Ngwaketse. 

O ne a leboga borara go bo bo supile kemonokeng mo maikaelelong a moletlo oo a bo a gakolola mongwe le mongwe yo o inaakantseng le go tsosolosa ngwao gore sa mosima se bonwa ke yo o thata. ENDS

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Kanye

Event : Monakaladi retreats

Date : 07 May 2025