Barolong ba latedisa ditso
06 May 2025
Barolong ba Botswana le South Africa ba ne ba phuthaganetse mo Maun ka maikaelelo a go latedisa ditso le go ipelela ngwao ya bone ba le mmogo.
Bokopano joo bo tshwarwa ngwaga le ngwaga mo mafelong a a farologaneng jaaka Maun, Ghanzi le mafelo mangwe kwa South Africa kwa Barolong ba thibeletseneg teng.
E ne ya re a bua kwa bokopanong joo, jo bo neng bo tshwere ka mafelo a beke kwa Potential garden mo Maun, Morolong wa lebutswapele mo Maun, Rre Sebatana Setlhodi a tlhalosa fa bokopano joo bo le botlhokwa ka jaana bontsi bo timeletswe ke ngwao ya bone e bile ba sa itse le masika mangwe a bone.
O ne gape a supa fa bokopano bo tla a ba thusa gore ba kgone go nankola ditso tsa bone, go latedisa masika a bone le gone go tshosolosa ngwao ya Serolong gore batle ba e amogane le dikokomane.
Rre Setlhodi a re batsadi ba bone ba sale ba thibeletse mo goo Tawana ka dingwaga tsa bo 1800 mme ba fitlhela merafe e le lesome le boraro e e neng e e ipela ka dingwao tsa yone.
O supile fa ba ba itseng ditso ba kaile fa Barolong ba ne ba tshaba dintwa tsa maburu ko South Africa mme ba siela mo Botswana ba gasama le lefatshe leno ka bophara.
A re bangwe ba ne ba thibilela kwa kgaolong ya Ghanzi, bangwe ba tla mo kgaolong ya Nhabe mme bontsi jwa sala kwa kgaolong ya Morolong go bapa le molelwane wa Ramatlabama.
“Rona re gola fela re sa itse ngwao ya rona ya Serolong mme re itumelela gore bokopano jo bo re thusitse go kopana le masika a rona go tswa kwa South Africa ba ba re thusang go e tsosolosa,” a tlatsa jalo.
Rre Setlhodi o gwetlhile Barolong go tsaya bokopano joo tsia ka jaana bo ka ba bula matlho go ikitse botoka le gone go ithuta ngwao ya bone.
Kgosi Charles Letsholathebe yo go kailweng fa e le mongwe wa ba ba neng ba amogela Barolong mo Goo-Tawana le e ene o ne a iteela bokopano joo legofi a re go botlhoka gore Barolong ba itseye motlhala go itse ka ditso tsa bone.
A re go a itumedisa go bona ba tshwaragane e bile ba kgatlhegela go itsane, a re ga se ba le bantsi ba ba ka dirang jalo.
A re ngwao e botlhokwa ka jaana e kopanya batho e bile e ruta batho meila le gone go rotloetsa boitshwaro jo bontle. Kgosi Letsholathebe o gwetlhile Barolong go sa ipone tsapa go rudisa ngwao ya bone le gone go e somarela gore dikokomane tse di tlang di e akole.
Moemedi wa Barolong go tswa South Africa, Rre Obakeng Motshwari o ne a iteela kobo moroko a supa fa go le maleba go somarela ngwao ya bone ka jaana bao ba ba e tlhaloganyang botoka ba ba tlogela.
A re bokopano jo, bo simologile ka 2015 mo Maun ka jaana ba ne ba lemoga fa Barolong ba Botswana le ba South Africa e le batho ba le bangwefela mme ba sa itsane.
O tsweletse a re ba ne ba ikopanya le bangwe ba mabutswapele a Barolong mo Maun mme ba ba amogela ba bo ba amogana ngwao le ditso tsa Serolong.
“Ke ngwaga wa bo lesome re ntse re le mo mosepeleng o wa rona mme go a itumedisa ka jaana re bona maduo a one. Ke rotloetsa ba ba saletseng morago go ikitaya ka thupana go nna ba tsena bokopano ka jaana re bo tshwara ngwaga le ngwaga.”
Rre Motshwari o boletse fa ngwaga o o tlang ba tla a kopanela ko South Africa mme a lebogela botlhe ba ba tsereng karolo mo katlegong ya tiro eo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Maun
Event : Ipelelo ngwao
Date : 06 May 2025







