Ba Mosisedi ba tshwara letsatsi la thobo
06 May 2025
Modulasetilo wa balemi ba masimo a Mosisedi, Rre Gofaone Mapitse a re dipaakanyo tsa letsatsi la thobo la balemi ba masimo ao di tsamaya sentle.
Letsatsi leo le tlaa tshwarwa kgwedi ya Motsheganong e tlhola malatsi ale lesome
O boletse mo potsolotsong le BOPA fa ba setse ba kgonne go bona sebui sa tlotla e bong, Rre Samson Ruwisi wa kompone ya dipeo ya Seedco.
Rre Mapitse a re maikaelelo magolo a letsatsi leo ke gore balemi go tswa khutlong tse nne tsa lefatshe batle go abelana megopolo le gore baka dira jang gore ba kgone go ntsha dijo tsedi lekaneng goka jesa lefatshe
“Ke nako ya gore balemi batle go itseela ka tsoopedi gore mo diemong tsa loapi tsedi fetogang, go ka dirwa jang gore thobo e e nametsang eka bonwa jang,”o boletse jalo.
A re ke ka moo ba laleditseng ba Seedco gore batle go ruta ka dipeo tsedi farologaneng le gore ke dife tsedi tshwanetseng seemo sa loapi sa malatsi a gompieno.
Rre Mapitse o tsweletse ka gore letsatsi leo ga se la go ipelela thobo fela ka balemi ba tla nna le sebaka sa go abelana megopolo le go ithuta gore baka bona jang thuso tse di farologaneng jaaka tsa madi.
O boletse gore bangwe ba bone ba setse ba kile ba etela balemi ba masimo a Pandamatenga go ya go ithuta gore bone ba kgona jang diemo tseo.
“Re kgonne go lemoga gore balemi ba masimo a Pandamatenga ba na le koporase e e ba kgontshang go kopa dithuso tsa madi mo dibankeng jaaka setlhopha fa rona kwano re santse re itirela ka bongwe ka bongwe,” ga bua rre Mapitse.
O supile fa go tlhoka koporase moo ga bone e le gone go dirang gore ka nako tse dingwe e nne e kare dibanka dia ba sokodisa. Rre Mapitse o kaile fa gape go dira ka setlhopha go tlhofofatsa go kgona go reka didirisiwa ka tlhwatlhwa ee kwa tlase. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Good Hope
Event : Potsolotso
Date : 06 May 2025







