Batlisisa ka modisa pele o mo thapa- Sepodisi
06 May 2025
Barui ba gakolotswe go hira badisa ba ba nang le motlhala e le nngwe tsela ya go tlhomamisa gore leruo la bone le babalesegile.
Fa a bua kwa letsatsing la balemi barui ba Matlapaneng ka Matlhatso, Constable Loeto Morwaagae wa sepodisi sa Botswana a re go batlisisa ka modisa pele motho a mo hira go ka thusa go itse gore ga a amege mo bogodung jwa leruo.
A re go le gantsi barui ba hira modisa ba sa batlisisa gore ke mang, ebile o tswa kae, mme a re seo se diphatsa ka ba ka iphitlhela ba hirile le one magodu a dikgomo tota.
Constable Morwaagae a re go ka nna molemo gore pele morui a hira motho, a kope ba sepodise gore ba mo tseye menwana go netefatsa gore ga se serukutlhi kgotsa legodu la leruo.
A re mo dikgetsing tse dintsi tsa bogodu jwa leruo, o fitlhela badisa ba amega, ka jalo a re go batlisisa ka modisa pele ba mo hira go ka ba ntsha mo leganong la tau.
Constable Morwaagae o ne a gakolola barui go begela ba matimela nako e sale teng, a re matimela a oka magodu a leruo, mme kgabagare magodu ao a je le leruo le e seng matimela.
O ne a gwetlha barui go tshwaya le go tshuba dikgomo tsa bone ka nako le gone go tlhatlhela leruo la bone mme gape a gwetlha barui go dira dikomiti tse di lwantshang bogodu jwa leruo.
E ne ya re go le pele, modulasetilo wa balemi barui ba ba ikopantseng ba Matlapaneng, Rre Mozambique Goboletswe a supa fa bogodu jwa leruo bo ba apesitse kobo ka letshoba.
O ne a re magodu ga a sekisiwe ebile ba felela ba utswa leruo le lengwe ba ntse ba ise ba seke. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : Thulakoma
Event : Letsatsi la balemi-barui
Date : 06 May 2025







