Breaking News

Kgweetsang ka kelotlhoko-mapodisi

05 May 2025

Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa kotsi e e diragetseng ka Matlhatso kwa Letlhakeng e dikoloi tsa modiro wa Dyna di le pedi di thulaneng.
E rile a buisanya le ba lekalana la dikgang la BOPA, mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng Assistant Superintendent Lekopanye Molwantwa, a supa fa ba ne ba begelwa kotsi eo sethoboloko ka Matlhatso, mme ba ragogela koo.
O tlhalositse fa dikoloi tsa Dyna di le pedi di ne tsa thulana, go lebega fa e nngwe e ne e tsena mo tseleng mokgweetsi a sa ela tlhoko dikoloi tse di tlang, mme e e neng e tlhamaletse ya mo thula.
Rre Molwantwa o supile fa mopalami wa mme yoo dingwaga di masome a mane le bongwe a ne a bona dikgobalo tse di potlana mme a sidilega.
O supile fa bakgweetsi ba dikoloi tseo e le borre ba dingwaga tse di masome matlhano le bobedi le wa dingwaga tse di masome a mane le bongwe ba le bone ba bonyeng dikgobalo tse di potlana.
Rre Molwantwa o ne a kopa bakgweetsi go kgweetsa ka kelotlhoko, ba itse fa ba sa kgweetse ba le nosi mo tseleng, le gore ba itlwaetse go obamela matshwao a tsela ka dinako tsotlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 05 May 2025