Breaking News

Kereke e abetse bagodi ba Topisi dimpho

05 May 2025

E rile ka Matlhatso kereke ya Royal City International Ministries ya abela bagodi ba Topisi ba le masome a mane le botlhano dijo le dikobo ya bo ya ba direla tee mo mosong.
Bagodi ba, e ne e le ba go simolola ka dingwaga tse masome a a ferangbobedi (80) go ya kwa godimo.
 Fa a bua kwa moletlong oo wa kabo dimpho, mohumagadi wa mosimolodi wa kereke eo ebong Apostle Dr Kabelo Barnabas mo Palapye, Mme Neo Barnabas a re bagodi ke batho ba ba tlhomphegileng mo setshabeng e bile ba tshwere botlhale le mohau o montsi ka jalo ba tshwanetswe ba tlotlwe.
A re ga go batle gore ka nako epe bagolo ba ikutlwe ekare ba lebetswe mme ba tshwanetse ba itse gore ka nako tsotlhe ba gopotswe e bile ba a rapelelwa.
Mme Barnabas a re bagodi bao ba segofetse fela thata ka Modimo o ba neetse letlhogonolo la dingwaga tse dintsi.
O ne a kopa Modimo gore a tswelele a ba boloke a bo a ba rotloetsa gore e re jaaka ba godile thata jalo, ba atamelane le Modimo.
O ne gape a ba kopa gore ba rapelele kereke ya bone gore e gole, ka e le bana ba bone ebile ba tlhoka mohau wa botsadi jo bo kana ka bone go tswelela ba direla Modimo.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Topisi/Moreomabele, Rre Ishmael Tsiapana, o ne a lebogela dimpho tseo a supa fa tiro e e dirilweng ke kereke e le tona e bile e tlaa nna mo dipelong tsa banni le bagolo ba ba abetsweng dimpho tseo.
A re go sego letsogo le le abang go na le le le abelwang, mme kereke eo e tlaa segofadiwa.
Rre Tsiapana a re go a itumedisa go bo motse wa bone o nnile le lesego la go etelwa ke Royal City International Ministries, mme e bile ke tshegofatso ka kereke e lebiwa e le kwa Modimo o leng teng.
A re go a supafala gore kereke eo e romilwe ke Modimo ka gore go na le mafelo a mantsi a ba ka bong ba ile go abela bagodi teng, mme ba feletse ba ile kwa Topisi.
Mokhanselara a re botshelo jwa motho bo segofadiwa ka dingwaga di le masome a supa, mme go feta dingwaga tseo, e a bo e le ditshegofatso tsa Modimo ka jalo bagodi bao ba okeleditswe botshelo ka ba fetile dingwaga tseo.
O ne a kopa kereke eo go tswelela ka tiro ya bone ya go gopola batho ba ba tshelang le bone.
Rre Tsiapana o ne a akgolela banana ba kereke eo ka e le bone go supegang fa ba ne ba eteletse tiro eo pele, a re ba tshwanetse ba nne sekao mo banananeg ba bangwe e bile ba ba supegetse, ba ba rutuntshe gore botshabelo jo botona mo lefatsheng ke botshabelo jwa Modimo.
Kgosi Ezekiel Bontsi wa Topisi o ne a re se se dirilweng ke ba Royal City International Ministries se tshwanetse se nne sekao mo mekgatlhong e mengwe le batho ka bongwe ka bongwe, ba ipotse fa ba ba tshelang nabo ba tsogile, ba bo ba kgaogane le bone se ba se tshotseng fa ba tlhoka. BOPA.

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Topisi

Event : Moletlo wa kabo dimpho

Date : 05 May 2025