Breaking News

Ba rotloediwa go dirisa maranyane

05 May 2025

Barui ba masimo a Mmabothubela mo kgaolong ya Maunatlala ba rotloeditswe go tlhabolola temo-thuo ya bone ka boranyane jwa segompieno (Biotechnology).
Ba rotloeditswe jalo ke mogolwane wa khampani ya madi ya Bayport, Rre Father Maphongo kwa letsatsing la barui ba Mmabothubela ka Matlhatso.
Rre Maphongo a re mohama wa temo-thuo ke mokwatla wa itsholelo ya lefatshe la Botswana, ka jalo a re go mo maruding a balemi-barui go bona gore ba o godisa le go o tlhabolola go nna kgwebo e e nang le dipoelo tse di bonalang.
A re balemi-barui ga ba a tshwanela go baya fela mo mokgweng wa temo-thuo ya maloba le mororo go na le methale e mesha e e ka tlhabololang temo-thuo.
A re maranyane a supile fa a tokafatsa, a oketsa leruo gammogo le go tlhabolola boleng jwa lone go nna jo bo ka tsisang dipoelo tse di nametsang.
Rre Maphongo a re mananeo a akaretsa la kgwediso ka seatla le go amogana mohungwana (embroy transferes) a ka tlhabolola thuo.
O gwetlhile barui ba ba batlang go godisa thuo ya bone go dirisa mananeo a puso jaaka Thuo Letlotlo le banka ya ditlhabolo (NDB) go tlhabolola letsalo la leruo.
Rre Maphongo o rotloeditse barui go inaakanya le maranyane a, ka gore a ka ba tsisetsa maduo a mantle mo isagong.
O ne gape a rotloetsa banana go tsaya temo-thuo ka tlhwaafalo mme ba ithute ka mananeo a a teng a maranyane.
A re temo-thuo e nonofile go fetlha ditiro tse letlhoko la tsone e leng selelo segolo sa banana.
Morulaganyi wa letsatsi leo, Rre Gosego Letsatsi, a re maikaelelo magolo ke go kopana e le barui, ba buisana go amogana maele le go rotloetsana.
Rre Letsatsi a re kgang kgolo ke go tla go rutana ka tiriso ya Biotechnology le tlhabololo boleng go tokafatsa letsalo la leruo.
A re gape ke go tla go amogana dikitso, go ruta barui, bagolo le banana, ka maranyane le go rotloetsa barui go inaakanya le mananeo.
Rre Letsatsi a re maikaelelo gape ke go tswelela ba tshwara letsatsi le, ngwaga le ngwaga go godisana e le barui.
Dr Onalenna Kereilwe go tswa BUAN o ne a tlhalosetsa barui botlhokwa jwa kgwediso ka seatla le kamogano ya mohungwana.
O ba rotloeditse go dirisa maranyane a a teng a tlhalosa gore dithuto tsa kgwediso ka seatla di dirwa kwa kampeng ya AI ya Ramatlabama malatsi a le lesome le boferabongwe.
A re maranyane a a thusa go oketsa le go tlhabolola leruo.
Barui ba ne ba tsisitse leruo la bone go gaisana ka maikaelelo a go kgothatsana ka tlhokomelo ya lone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Mmabothubela

Event : Letsatsi la balemi-barui

Date : 05 May 2025