Mophuting o rera tshireletsego ya bobega
04 May 2025
E rile ka Matlhatso babega dikgang ba puso le ba ba ikemetseng ba rwala masigo ka tlhogo go ya go ipelela letsatsi la go gopola kgololesego ya bobega dikgang, e leng Motsheganong a tlhola gararo.
Ba ne ba ipela ka go gwanta, go bina, go opela le go abelana maele ka tiro ya bone, e ba neng ba itlama fa ba tlaa e dira ka bokgabane ka dipolelo, ditshwantsho le tsa motshikhinyego tota. E rile a ba ema ka lefoko, mothusa tona mo lephateng la Merero ya Ofisi ya ga Tautona, Mme Maipelo Mophuting, a ba solofetsa fa botlhale jwa maitirelo jwa seranyane bo se kake jwa sutisa jo bo tlwaelesegileng, fa e se go bo tlhabolola le go bopa sesha.
Ka jalo a re bobega dikgang bo tshwanetse go somarelwa, go godisiwa le go tlotlwa, segolo bogolo. Mme Mophuting o ne a gatelela gore kgololesego e nonofa fa boammaaruri bo etelediwang pele teng, a supa fa a eletsa go ka nna ledula le mo go lone nnete e itumelelwang e seng go tshajwa.
Letsatsi le, le tlhomilwe kwa phuthego-kakaretsong ya lekgotla la ditshaba (UN) ka Morule 1993, morago ga tshutiso ya phuthego ya lekalana la UNESCO kwa Windhoek, Namibia. Fa e sale jalo, Motsheganong a tlhola gararo, e leng letsatsi la tshutiso, o ipelelwa lefatshe ka bophara e le letsatsi la mafatshefatshe la kgololesego ya bobega dikgang.
Tiro e e ne e rulagantswe ke lekgotla la bobega dikgang la Media Institute of Southern Africa - karolo ya Botswana, ka thotloetso ya Multichoice Botswana, Debswana, Mineral Development Company Botswana le ba bangwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Gaborone
Event : Ipelo
Date : 04 May 2025







